BOTSHELO JO BO TLHAGAFETSENG JWA BAITHUTI

bo dira gore ba ikutlwe ba amogelesegile

 

“Se re tshwenyegang thata ka sone jaaka badiri ka Botshelo jwa Moithuti ke go tlhomamisa gore baithuti ba rona ba nna le maitemogelo a a siameng a a tlatselediwang ke dikgono tse dintsi tse di farologaneng, maikutlo a a siameng le dinonofo tse di dirang gore baalogi ba rona e nne ba ba gaisang botlhe.”

Mo baithuting ba rona, YBB ke “legae la bone kgakala le legae” e bile boikaelelo jwa diporokeramo di le dintsi tsa Botshelo jwa Moithuti ke go dira gore ba ikutlwe ba amogelesegile le go ikemisetsa go ipelela botshelo jo bo tlhagafetseng jwa baithuti mo khamphaseng.

Boikaelelo jwa porokeramo ya Botshelo jwa Moithuti ke go dira gore baithuti ba dire ditiro dingwe mo godimo ga tsa kharikhulamo le ditiro tse di oketsegileng tse di dirang gore ba ikutlwe ba le mo gae.

Mokaedikhuduthamaga yo moša wa porokeramo ya Botshelo jwa Moithuti, e leng Ngaka Sibusiso Chalufu, a re diporokeramo tseno mo khamphaseng le mo setheong di dira gore dikgono tsa baithuti ba rona di tlhabologe ka botlalo go nna ba maemo a a kwa godimo, ba ba nang le bokgoni jwa tlhamosešwa le go nna baeteledipele ba lefatshe ba ba nang le maikarabelo.

Re ikemiseditse go direla

Porokeramo ya Botshelo jwa Moithuti e rotloetsa baithuti go tlhomamisa gore ditshwaelo tsa bone di reediwa ke yunibesiti.

“Nngwe ya diporokeramo tsa konokono e re nang le yone ke ya go kwadisiwa ga baithuti ngwaga le ngwaga le lenaneo la go ba tlwaetsa mafulo le le tlhomamisang gore moithuti mongwe le mongwe wa YBB o kgona go atlega mo nakong yotlhe ya dithuto tsa gagwe le go tswelela a le leloko la YBB," o bolela jalo.

Mmogo le mokaedi-mogolo e leng Sibusiso, go na le bakaedi ba le bararo ba khamphase ba ba okametseng ditiro tsa Botshelo jwa Moithuti, ditiragalo le dithuto kwa khamphaseng. Jaaka go bontshitswe mo thulaganyong ya maemotiro, bakaedi ba khamphase ke Jim Molautsi (Mahikeng), Ngaka Corrie Rheeder (Potchefstroom) le Jacob Simango (Vanderbijlpark).

Mo godimo ga moo, porokeramo ya Botshelo jwa Moithuti e akaretsa mafapha a le mmalwa a konokono mo khamphaseng nngwe le nngwe a a tsepileng mogopolo mo ditirong tsa morago ga kharikhulamo. Mafapha ano a akaretsa:

  • Botsweretshi le Setso
  • Metshameko
  • Go Sidila Baithuti Maikutlo le Kgodiso ya Bokgoni jwa Bone
  • Ditleliniki tsa pholo
  • Radio ya khamphase le ba metswedi ya dikgang
  • Boeteledipele jwa baithuti (go akaretsa le makgotla a khamphase a baithuti le Lekgotla le le Emelang Baithuti la YBB)

Ngaka Sibusiso Chalufu

Mokaedi-Khuduthamaga: Botshelo jwa Moithuti

Jim Molautsi

Mokaedi wa khamphase (Mahikeng)

Ngaka Corrie Rheeder

Mokaedi wa khamphase (Potchefstroom)

Jacob Simango

Mokaedi wa khamphase (Vanderbijlpark)