>

>

DIPHAROLOGANO

DI NATETSHA BOTSHELO

BUISA GO FETA

Ga twe dipharologano di natetsha botshelo, mme mo tokololong eno ya Eish! diathikele tse di buang ka dilo tse di farologaneng tse di kgatlhegelwang ke maloko a rona a badiri, ditalente le diphitlhelelo tsotlhe fela di supa boammaaruri jwa polelo eno.

 

Akanya ka Innocentia Pitso le Lynn Booysen ka sekai. Ba ne ba le bangwe ba baithuti ba ba gaisitseng botlhe ka 2017 mo Legorong la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi mo khamphaseng ya Vanderbijlpark e bile ba dumela fela thata gore motho ga a tshwanela go emisa go ithuta le go tlhabolola bokgoni jo a nang najo.

 

Le fa go ntse jalo, ga se gore rotlhe re batho ba ba natefelelwang ke go ithuta. Bangwe ba rona ba natefelelwa ke go thusa ba bangwe mo botshelong. Ka sekai, mo athikeleng e e buang ka setlhopha sa lefapha la Go Naya Baithuti Kgakololo le Tlhabololo ya Bokgoni jwa Bone, o ka kgona go buisa ka fa ba fitlhelelang baithuti ka gone go tswa mo gare ga baagi ba Potchefstroom gore ba ba rute dikgono tsa boeteledipele.

 

Mo go ba bantsi ba rona, mokwalo wa seatla ke tsela fela ya go buisana le ba bangwe (fa o sena sedirisiwa sa eleketeroniki gaufi le wena). Le fa go ntse jalo, mo go Mohsin Sayed yo o nang le bokgoni mo go seno, wa khamphase ya rona ya Vanderbijlpark, mokwalo wa seatla – mme segolobogolo atshe ya mokwalokgabiso – ke selo sa go fetisa nako se a se ratang thata.

 

Sengwe gape se se tshwantshang tsela e e kgatlhang e re farologaneng ka yone, ke gore bangwe ba rona ga ba rate go tlhaga mo ponong ya botlhe, fa mongwe wa baithuti ba rona yo o ba gaisitseng botlhe, e leng Sam Junior Mbatha, ene a rata thata serala le dikhemera.

 

Fa bangwe ba rona ba ntse ba direla ba bangwe ka bopelotshweu le go tshwara ba bangwe ka mokgwa o montle go dira gore lefatshe leno e nne lefelo le le botoka, ba bangwe ba dirisa tlhamosešwa go batlana le ditharabololo tsa dikgwetlho tse rona le polanete ya rona re lebaneng le tsone. Gareng ga bone go na le badirammogo bao bošeng jaana ba neng ba tsenya neteweke ya radara ya maemo a bosa e e tla bontshang diphelelo tsa mmatota tse di amang lefatshe jaaka komelelo, merwalela e e gogolang le ditiragalo tse dingwe tse di amanang le maemo a bosa.

 

Ee, e le ruri maloko a YBB ke batho ba methalethale bao ba sa fetseng go re gakgamatsa le go gatela pele, mme ka go dira jalo ba natetsha botshelo jwa rona.

 

Buisang ka boitumelo