>

BUISA GO FETA

>

Mohsin o itsege ka

Mohsin Sayed o tsweletsa pele bokgoni jwa gagwe jwa mokwalokgabiso mme jaanong o ithuta mokwalokgabiso wa Searabia, o ipha nako ya go dirisa mokwalokgabiso letsatsi le letsatsi, le fa go setse go le tharo bosigo.

mokwalo o montle wa seatla

"Fa ke robala ke robala mokwalokgabiso, ke lora mokwalokgabiso le fa ke ja, ke ja mokwalokgabiso,"  eno ke tsela e Mohsin Sayed a tlhalosang ka fa a ratang mokwalokgabiso ka gone. Mohsin ke motlhatlheledi mo Legorong la Thuto mo khamphaseng ya YBB kwa Vanderbijlpark.

Gotlhe gono go simolola fa a ne a le moithuti kwa setheong sa Boisilamo. O ne a ikhuditse mo phaposing ya gagwe fa a ne a bona mokwalo wa seatla wa Searabia mo khalentareng mo leboteng. "Mebala le dipopego tsa one di ne di le dintle tota," o gakologelwa jalo. Mohsin o ne a kgatlhilwe thata ke diphetolelo tsa Seesemane mo khalentareng tse gape di neng di kwadilwe ka mokwalokgabiso. O ne a boela gae, a ititeile sehuba gore o ya go ithuta atshe eno ya bogologolo.

 

O ne a reka didirisiwa tsa go kwala mokgwalokgabiso mme a nna le lesego la go kopana le mogolwane mongwe mo tikologong ya gaabo yo o neng a rata mokwalokgabiso thata. Rre Abdul Hag Nathie o setse a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bosomearobedi, mme o sa ntse a kwala mokwalokgabiso ono mo e leng gore jaanong o kgona go dirisa seatla go thala motlhala o tlhamaletseng a sa thuswe ke sepe.  Fa a ne a sa ntse a le moša, Rre Haq Nathie o ne a kwalela Madiba mokwalo ono mme o ile a tshwara dikokoano tsa go tlhabana botlhale le batho ba ba tshwanang le Sheila Waters, mokwadi wa mokwalokgabiso yo o itsegeng wa Moesemane.

 

Mohsin o gopola a mmotsa a re, "Papa, o tla nkopa bokae fa o nthuta atshe e?" Rre Haq Nathie o ne a mo raya a re tuelo ya dithuto tsa gagwe ke e e tlileng go mmatla go le gontsi thata:  “’Ke tla batla boineelo jwa gago,” o ne a mo raya jalo.

 

Dingwaga di le 15 morago ga go ithuta thuto ya ntlha

 

"Go simolola ka letsatsi leo ke ile ka dirisa mokwalokgabiso fela thata," Mohsin o bolela jalo, o oketsa ka gore go fetile dingwaga di le 15 fa e sa le a ithuta thuto ya ntlha le morutabana wa gagwe yo ka lerato a mmitsang "Papa". Fa e sa le ka nako eo, o ile a nna le bokgoni jwa go dirisa ditaele di le dintsi tsa mokwalokgabiso wa Seesemane mme a re o sa ntse a ithuta. "Mokwalokgabiso ke atshe e o tshwanelwang ke go nna o e tokafatsa ka dinako tsotlhe."

 

O ne a simolola ka Mokwalo wa Seroma o o tsewang e le setaele sa bogologolo mo lefatsheng e bile o sa ntse o bonwa mo majeng a go gabilweng mo go one fa e sa le ka 600 BC. Mohsin o tlhalosa gore mokwalo wa Seroma o theilwe mo sebopegong sa "O". Mo lekgolong la dingwaga la bo 11, mokwalo wa Tlhakantsho, o gape o bidiwang mokwalo wa Gothic, o ne wa tlhamiwa, go tswa mo tirisong ya metlhala e e tsepameng kgotsa e e dirilweng ka borashe jwa go penta. Mokwalo o o sekameng ke setaele se sengwe se se simolotseng mo go "O", mme one ditlhaka tsa one di na le sebopego sa lee.

 

Mohsin a re tseno ke dikgato tsa ntlha tsa go ithuta mokwalokgabiso mme di botlhokwa thata gore motho a nne le bokgoni fa e le gore o batla go nna le jone.

 

Go dirisa sengwe le sengwe go kwala, mo godimo ga selo sepe fela

 

Mohsin o rata thata go dirisa mokwalokgabiso wa segompieno e bile o rata go o kopanya le pente e e kgatshiwang ka seporei le go dirisa mekgwa e mengwe e a boneng dithaka tsa gagwe di e dirisa.  "Fa e le gore o sekwadi sa mmatota sa mokwalokgabiso, o tshwanetse go kgona go kwala ka sengwe le sengwe," o bolela jalo, le gore ka dinako tse dingwe ene o dirisa monwana go kwala.

 

Gape o penta, le go dirisa karate ya kwa Brazil e e seng ya ntwa, e e bidiwang Capoeira, gape o dira dijiminasi le go hula ka bora le lerumo.

 

Mohsin ke motlhatlheledi wa ngwaga wa ntlha wa tlhabololo ya kharikhulamo le wa go ruta e bile o ithutela dikirii ya masetase ya thuto ya bonetetshi, le go sekaseka kgang ya melapo ya metsi.

 "Jaaka Capoeirista, motsamao wa gago o simolola fa fatshe.

 

Tikologo e botlhokwa thata mo go nna." O solofela gore o tla kgona go simolola setlhopha sa Capoeira mo khamphaseng e bile o rulaganyetsa go tshwara kokoano ya go tlhabana botlhale ya mokwalokgabiso le go boloka mefuta e mebedi eno ya atshe e ntse e le teng.

Lebelela bidio e e khutshwane mot lase go bona gore Mohsin o kwala jang lefoko EISH!