>

>

Molaetsa wa

MOTLATSAMOKANSELIRI

BADIRI KA NNA BA BA RATEGANG,

Go dirilwe kgatelopele e kgolo ka magoro a rona otlhe a khamphase. Mo dikgweding di le mmalwa tse di fetileng, go ne ga tlhomiwa wa bofelo wa badini-bagolo mme o setse a simolotse tiro, morago ga moo go ne ga tlhomiwa bathusa-badini. Thulaganyo ya go tlhoma bakaedi ba sekolo e santse e tsweletse.

 

Ka bokhutshwane, thulaganyo ya boseoposengwe, segolobogolo ya magoro (e e simolotseng ka Phukwi wa ngwageng o o fetileng) jaanong e na le baeteledipele ba bagolo gore ba tsenye leano la rona mo tirisong.

 

Kwa indabeng e e tlang ya Komiti ya Batsamaisi-Bagolo, badini ba tla nna le tšhono ya go bontsha gore dithulaganyo tsa legoro la bone di amana jang le go tsamaisana le togamaano ya YBB. Re lebile pele go seno.

 

Re sa ntse re le foo, tiro mo boalong jo bo fa fatshe e tswelela pele jaaka gale. Baithuti le batlhatlheledi ba ipaakanyetsa ditlhatlhobo tsa mariga, tse re solofelang gore di tlile go tsamaya sentle le go tlhagisa dipholo tse di siameng thata.

 

Gape re lebile pele kwa isagweng e bile re kgonne go tshwara malatsi a a atlegileng thata a tshedimosetso mo go nngwe le nngwe ya dikhamphase tsa rona tse tharo. Eno ke karolo e e botlhokwa ya ditiro tsa rona tsa go tsoma baithuti. Ke leboga badiri botlhe le baithuti ba ba dirisitseng nako le maiteko a bone mo diporojekeng tseno tsa go maketa le go tsoma baithuti.

Go na le diporojeke tse dingwe gape tse pedi tse re tshwanetseng go di umaka. Ya ntlha ke ya letsholo la Ubuntu, le le tla simololang ka Seetebosigo go fitlha ka Lwetse 2018. Le tlile go nna le mananeo a a farologaneng a go tshwara dipuisano ka boikaelelo jwa go tlhama setheo sa maemo a a kwa godimo ka go tlhama ditlhopha tse di ntshang ga tshwene tsa tlhamosešwa le bokgoni jwa go tlhama. Ya bobedi ke puisano e e tswelelang pele ka botshelo jwa baithuti le letshwaotlhaolo la YBB le mokgwa wa yone wa go dira dilo.

 

Boikaelelo jwa matsholo ano ka bobedi ke go tsweletsa yunibesiti pele jaaka setheo se se kgaratlhelang akatemi ya maemo a a kwa godimo ka go rotloetsa kitlano e kgolwane mo setšhabeng, go akaretsa botlhe le go amogela dipharologano ka go tlhokomelana.

 

Eno ga se toro e e sa fitlhelesegeng e e kwadilweng fela mo pampiring. Re tshwaragane le go bona gore e a diragadiwa!