>

Jaaka fa re bega mo athikeleng ya Tsepa Go mo tokololong eno ya Eish!, YBB e tsepamisitse mo go rarabololeng mathata a mmatota a botshelo. E re ka phetogo ya tlelaemete e le bothata jo bogolo jwa lefatshe ka bophara le mo Aforikaborwa, bošeng jaana yunibesiti e ne ya tsenya neteweke ya radara ya maemo a bosa e e tla bontshang diphelelo tsa mmatota tse di amang lefatshe jaaka komelelo, merwalela e e gogolang le ditiragalo tse dingwe tse di amanang le maemo a bosa.

 

Ka kgwedi ya Mopitlwe monongwaga, Tona ya Merero ya Tikologo, Ng Edna Molewa, o ne a tsenya neteweke ya YBB ya  Lekwena Weather Radar, dikilometara di le 10 go ela kwa bokone-botlhaba jwa Potchefstroom kwa  Lekwena Wildlife Estate.

 

Boikaelelo jwa porojeke eno ke go tlhama ditirelo le go ruta batho bokgoni jwa tiro gore re kgone go fopholetsa pula go tsaw go didirisiwa di le mmalwa tse banetetsjhi ba tla di fitlhelelang motlhofo fela. Tobetsa fa  go buisa go feta ka thekenoloji ya radara e e tla fang naga ya rona kgokagano ya go lebelela bosa ka mokgwa o o tokafetseng o o ka tswelelang.

Go tokafatsa tiro ya go lebelela bosa

Ke rona ba:

Lebelela bidio e go ithuta go feta ka ga kgokagano ya bosa ya radara

-TSHEDIMOSETSO

Mokgabiso le boalo: Karen Viljoen

Go tsaya dinepe:

Badiri-ka-rona ba YBB le batlamela ka ditirelo ba rona

Setlhopha sa botselegany:

sa badiri ba lefapha la YBB la Ditlhaeletsano ka tsa Kgweb

Fa o na le dipotso go ya pele/fa o batla go kwala sengwe:

Nelia Engelbrecht - mog 018 299 4937

Lebokoso la mo teng ga setheo la 26

Eish! e tlhagisiwa le go gatisiwa ka Seesemane, Setswana le ka Seaforikanse ke Lefapha la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo la YBB.