Mop Welma Lubbe wa Legoro la Disaense tsa Boitekanelo, Ngaka Carolina Botha wa Legoro la Thuto le Mop Roelien Goede wa Legoro la Disaense tsa Tlhago le Temothuo ke baamogedi ba ba Tlhomologileng ba Awate ya Bokgoni jwa Go Ruta.

BASADI BA IPOA KGATSU GARARO KA NAKO YA DIAWATE

Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e ne ya keteka moletlo wa batlhatlheledi ba ba nang le bokgoni go feta botlhe ka nako ya moletlo wa Diawate tsa Setheo tsa Maemo a a kwa Godimo a go Ruta (Institutional Teaching Excellence Awards ceremony [TEA]). Tiragalo eno ya gangwe ka ngwaga ya go akgola batlhatlheledi ba ba gaisitseng botlhe e ne e tshwerwe ka di 19 Moranang kwa Potchefstroom.

Mop Alfred Henrico, yo o fentseng awate ya DTEA ngogola, o ne a naya puo e e rotloetsang ka mokgwa wa gagwe wa go ruta le go ithuta. O ne a tlhalosa gore mo boemong jwa go kgaoganya baithuti ka ditlhopha o ba kgaoganya ka "dikgwebo", a dira gore baithuti bao ba nne le seabe se se botlhokwa sa go wetsa ditiro le diporojeke.

Mop Robert Balfour, mothusa motlatsa-mokanseliri wa go ruta le go ithuta, o ne a akgola bafenyi le go ba lebogela boleng jo ba bo tsenyang mo tirong ya go ruta le go ithuta.

Basadi ba bararo ba ne ba tsaya maemo a ntlha ka nako ya moletlo ono wa diawate. Ngaka Carolina Botha wa Legoro la Thuto, Mop Roelien Goede wa Legoro la Disaense tsa Tlhago le Temothuo le Mop Welma Lubbe wa Legoro la Disaense tsa Pholo ba ne ba di goga kwa pele jaaka batlhatlheledi mme ba newa Diawate tse di melediwang mathe tse di Tlhomologileng tsa Maemo a a Kwa Godimo a Go Ruta.

 

Diawate di ne tsa ntshiwa ka ditlhopha tse tharo: Diawate tsa Maemo a a Kwa Godimo tsa Go Ruta tse di Tlhagogang (Emerging Teaching Excellence Award [ETEA]), Awate ya Go Ruta ga Maemo a a kwa Godimo (TEA) le Awate e e Tlhomologileng ya Maemo a a Kwa Godimo a Go Ruta (Distinguished Teaching Excellence Award [DTEA]). Ono ke ngwaga wa boraro wa go aba diawate go tswa mo ditlhopheng tse tharo tseno.

 

Magoro a keteka tiro ya one ya go ntsha ga tshwene

 

Baakatemi ba le someamatlhanonngwe ba amogetse diawate. Magoro a YBB a a tlhagisitseng bontsi jwa bafenyi ka kakaretso e ne e le Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi le Legoro la Disaense tsa Pholo, lengwe le lengwe la one le amogetse diawate di le 12. Legoro la Thutabomodimo le tsere maemo a boraro ka diawate di le robedi. Diawate tseno ke tsa go leboga batlhatlheledi ka ntlha ya boineelo jwa bone jwa go atlegisa baithuti, le go rotloetsa baakatemi gore ba gole mo tirong ya go ruta le go ithuta.

 

MME BAFENYI KE…

 

Tobetsa fano gore o buise athikele yotlhe le go bona lenaane le le feletseng la bafenyi.

 

  • ETEA

    ETEA e atswa batlhatlheledi ba ba tlhagogang ka ntlha ya go ruta ga maemo a a kwa godimo ga bone.

  • TEA

    TEA e newa batlhatlheledi ba ba nang le diphitlhelelo tse di tlhomologileng tse go nang le bosupi jwa tsone mo tirong ya maemo a a kwa godimo a go ruta.

  • DTEA

    DTEA e akgolela babatlisisi ba ba tlhomologileng boeteledipele le phitlhelelo ya bone mo tirong ya go ruta le go ithuta. Batsayakarolo mo go abiweng ga diawate ba tshwanetse gore ba fitlhelele bobotlana 80% ya setlhopha seno mo setlhopheng ka sengwe.

Tobetsa aekhone nngwe le nngwe gore o buise go ya pele.

Mo bidiong eno bafenyi ba rona ba bararo ba re bolelela gore ba ikutlwa jang ka awate eno le gore e ama jang mokgele wa bone wa tiro.

>

BUISA GO FETA

>