BADIRI BA MAEMO

a a kwa godimo ba baithuti

ba ba kwa godimo

Maloko a mabedi a badiri ba khamphase, Innocantia Pitso le Lynn Booysen, ba ne ba le bangwe ba baithuti ba ba gaisitseng botlhe ka 2017 mo Legorong la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi mo khamphaseng kwa Vanderbijlpark.

Lynn Booysen (fa gare) a re dingwaga di le tharo tse di fetileng di mo rutile go le gontsi ka nonofo e a nang le yone le bokgoni jwa gagwe. O na le Mop Elrie Botha fano, mothusa mokaedi wa Sekolo sa Go Ithuta Boikutlo jwa Badiri mo Tirong le Botsamaisi jwa Lefapha la Badiri (molema) le Mop Linda du Plessis, mothusa motlatsa-mokanseliri wa ditogamaano le wa ditiro tsa khamphase kwa Vanderbijlpark (moja).

E ne e le lekgetlo la boraro gore Innocentia Pitso a amogele dikirii ya gagwe ya onase ya Go Ithuta Boikutlo jwa Badiri mo Tirong, jaaka a setse a na le didikerii tse pedi tsa Bcom. O na le Mop Elrie Botha fano, mothusa mokaedi wa Sekolo sa Go Ithuta Boikutlo jwa Badiri mo Tirong le Botsamaisi jwa Lefapha la Badiri.

Modiri wa HR Innocantia Pitso o amogetse dikirii ya onase ya Go Ithuta Boikutlo jwa Badiri mo Tirong mme mothusi-mogolo ka tsa tsamaiso e leng Lynn Booysen o amogetse BA ya Go Ithuta Boikutlo jwa Badiri mo Tirong.

 

Ke lekgetlo la boraro la ga Innocentia

 

"O ka kgona go fitlhelela ditoro tsa gago; se letle ope go go kgoba marapo." Eno ke kgakololo e Innocentia Pitso a eletsang a ka bo a e neilwe a sa le monnye. Lekgarebe le le dirang ka natla leno le ne la itsisiwe jaaka mongwe wa baithuti ba ba gaisitseng botlhe wa onase ka 2017 kwa legorong la Diawate tsa Baithuti ba ba Gaisitseng Botlhe.

 

Innocentia o tla bo a aloga lekgetlo la boraro ka di 10 May 2018 fa a tla bo a amogela dikirii ya gagwe ya onase ya Go Ithuta Boikutlo jwa Badiri mo Tirong. O setse a na le BCom ya kgwebo le ya botsamaisi jwa kgwebo le BCom ya Go Ithuta Boikutlo jwa Badiri mo Tirong le ya botsamaisi jwa dikamano le badiri.

 

O motlotlo go bo a le moalogi wa YBB:" "Mo go nna, seno ga se reye fela gore ke na le setefikeiti, ke tlhomeletswe le go katisiwa ka botlalo gore ke tsenye boleng mo go tsa kgwebo mo tikologong e ke nnang mo go yone," o bolela jalo.

O kgonne seno jang? Innocentia o dumela mo go diriseng moono wa gagwe: Go ikgalemela le go dirisa nako ka botlhale mmogo le go se busetse tiro kwa morago. O setse a tshwaragane le go ithutela dikirii ya gagwe ya masetase ya botsamaisi jwa lefapha la badiri.

 

Lynn o bona tiro e e mo tshwanelang

 

Fa a sena go kgaolwa mo tirong makgetlo a le tlhano kwa ditlamong tse dingwe, mokgele wa tiro ya ga Lynn Booysen o ne wa dira gore a feleletse a le kwa khamphaseng ya Vanderbijlpark, kwa a thapilweng gone jaaka mothusi-mogolo ka tsa tsamaiso mo lefelong la ditiro tsa patlisiso la Optentia. O ne a feleletsa a kgonne go ya go ithuta kwa thešiaring mme monni yono yo o matlhagatlhaga wa kwa Khutlotharo ya Lekwa o ne a se ka a senya nako ya go ithuta go fitlha a aloga.

 

"Le wena o ka kgona. O tlile go kgona," e ne e le mafoko a kemonokeng a mmaagwe ka dinako tsotlhe.  Kemonokeng eno ga e a mo thusa go kgabaganya ngwaga fela o o neng o tletse ka dikgwetlho le malwetse, mme e ne ya mo tshegetsa gore a kgone go kwala ditlhatlhobo tsa gagwe tsa makgaolakgang tsa BA ya Go Ithuta Boikutlo jwa Badiri mo Tirong.

 

Lynn o ne a itirela tsala ya tlhogo ya kgomo mo dingwageng tse tharo tsa dithuto tsa gagwe. Ellen Matsobane ke mogakolodi ka tsa badiri kwa Vereeniging.  "Re ne re ithuta mmogo, re tshega mmogo le go lela mmogo, mme fa nako e ntse e tsamaya ra nna ditsala tse dikgolo," Lynn o bolela jalo. Lynn o rata Khamphase ya Vanderbijlpark fela thata.  "Batho ba kgona go amogelana le go itshokelana mo khamphaseng, e bile botlhe ba buisana ka tshosologo ka go batla ditsela tse dintÅ¡ha tsa go dira dilo," o bolela jalo.

 

Lynn o ne a swetsa ka gore a ikhutse go sekae mo go tsa thuto ka 2018 mme o tla ithutela dikirii ya gagwe ya onase ka 2019.  E tla re fa a sena go nna le yone, o solofela gore o tlile go nna motlhatlhobi wa bokgoni jwa tlhaloganyo.

>

BUISA GO FETA

>