>

BUISA GO FETA

>

Sam o tswelela pele go tlhagelela jaaka sekgantshwane

A bo e le tšhono e e molemo jang ne: Sam Junior Mbatha le seopedi se gape e leng modiragatsi yo o kileng a gapa awate ke batsamaisi-mmogo ba moletlo wa go aba Diawate tsa Bojanala tsa Lilizela tsa Porofense ya Bokone Bophirima.

 

Fa o batla go bona go tlhagelela ga sekgantshwane sengwe, nna o tlhomile matlho mo go Sam Junior Mbatha, moithuti wa ngwaga wa boraro wa serutwa sa ditlhaeletsano mo khamphaseng ya Mahikeng.

 

Sam o ne a itirela leina lekgetlo la ntlha fa a ne a le MC wa kgwele ya dinao ya Varsity mme a fitlhelela mokgele o mongwe gape fa a ne a tlhophiwa go nna moemedi wa leinakgwebo la Porojeke ya Koloi e e Tsamaisiwang ke Mogote wa Letsatsi ya YBB, e e bidiwang 'Star', (e leng Naledi). Porojeke eno e ne ya dira gore a romelwe kwa Australia go ya go tsenela Kgaisano ya Lefatshe Lotlhe ya Bridgestone ya Dilo tse di Dirang ka Mogote wa Letsatsi. Ka nako ya kgaisano eno, maikarabelo a ga Sam e ne e le go dira ka diteng tsa mmedia wa botsalano, go phasalatsa leinakgwebo la Koloi e e Tsamaisiwang ka Mogote wa Letsatsi ya YBB, le go gatisa dibidio-khutshwe  tse di tla tsenngwang mo inthaneteng ya yunibesiti, tsa BUAtv. Gape ke motshwara-mananeo a thelebišene e e mo khamphaseng e bile o tlhama diteng tsa mananeo a a tshwanetseng go gasiwa.

 

Go iponatsa ga tiro ya sekgantshwane

 

Go boloka tekatekano fa gare ga sekhejulu se se mmatlang go le gontsi sa akatemi le maikarabelo a gagwe a a golang mo loagong, boleng jwa tiro ya ga Sam bo simolotse go iponatsa sentle fa a ne a simolola go direla kuranta ya khamphase, ya The Album. O simolotse a le mmegadikgang mo khamphaseng a tlhomile mogopolo mo go tsa boitlosobodutu mme moragonyana a nna motseleganyi-potlana wa karolo eno. Sam o bua ka boitumelo a tlhalosa gore ditšhono tse di tlhomologileng go di feta tsotlhe tse di neng tsa mmulegela di tlile di menagane sebedi.

 

E nngwe ya tsone e ne e le go tlhomiwa ga gagwe go nna moemedi wa lefapha la yunibesiti la Go Maketa le la Go Tsoma Baithuti mme e nngwe e ne e le tšhono ya go nna motsamaisi-mmogo wa moletlo wa Diawate tsa Bojanala tsa Lilizela tsa Porofense ya Bokone Bophirima, o a neng a o tsamaisa le seopedi se gape e leng modiragatsi mo thelebišeneng, KB Motsilenyane

 

Moithuti yono, e leng Sam Junior Mbatha, wa serutwa sa ditlhaeletsano, o na le mokgele o o solofetsang fela thata mo  botshelong.