>

BUISA GO FETA

>

Baeteledipele ba bagolo ba rotloetsa ba bangwe go gola. Molaetsa ono o ne wa buiwa ke lefapha la Go Naya Baithuti Kgakololo le Tlhabololo ya Bokgoni jwa Bone (Student Counselling and Development  [SCD]) fa ba ne ba dule letsholo la bone la ngwaga le ngwaga la Mokgwa wa Kgodiso ya Bokgoni jwa Tiro ka di 17 Mopitlwe 2018.

go le gongwe fela, nnang baeteledipele

SE EMENG GOLO

Maloko a badiri ba lefapha la Go Naya Baithuti Kgakololo le Kgodiso ya Bokgoni jwa Bone a simolola ka fa molemeng  Juan-Ri Potgieter, Anretha Jouber, Bianca Steyn, Petro Boshoff le Sureta Cornelius.

Letsholo leno le simolotswe ka 2017 ke Petro Boshoff  yo e leng modirediloago yo o ikarabelang ka baithuti ba Meal-a-Day mo khamphaseng ya Potchefstroom.

 

Boikaelelo jwa letsholo leno ke go naya baithuti ba ba tswang mo tikologong, ba ba nnang le seabe mo mananeong a a jaaka la Sekema sa Bosetšhaba sa Go Thusa Baithuti ka Madi (National Student Financial Aid Scheme [NSFAS]) le ka Dijo tsa Motshegare, tšhono ya go ithuta go le gontsi ka bone le ka botho jwa bone, le go ba tlhomelela  gore ba nne baeteledipele mo yunibesiting kgotsa mo baaging bao ba tswang mo gare ga bone. Baithuti bano ba ne ba bopa komitipotlana mme ba tla simolola go thusa ka lenaneo la Meal a Day..

 

Go tsaya karolo mo dithulaganyong tsa boeteledipele

 

"Re batla go thusa baithuti bano go gola mo tirong ya bone le go nna le bokgoni jwa go etelela pele jo bo tla ba rotloetsang go tsaya karolo mo dithulaganyong tsa boeteledipele", go bolela jalo Juan-Ri Potgieter, moithuta-boikutlo jwa badiri mo tirong le mookamedi wa letsholo leno.

 

"Ke lemogile gore bontsi jwa baithuti go tswa mo tikologong ba itlhaoletse kwa thoko le go sa ikopanye le ba bangwe mme eno ke tšhono ya gore ba itsalanye le baithuti ba bangwe, ba itsane le bone le go ithuta go dira mmogo ba le setlhopha," go bolela jalo Juan-Ri.

 

Bontsi jwa baithuti ba tswa mo malapeng a bahumanegi mme letsholo leno le ba tlhomelela ka bokgoni jo bo tla ba thusang go tlhabolola matshelo a batho mo tikologong ya bone. Gape e ba naya tšhono ya go bapala maitemogelo.

 

Nna motlhomasekao mo go ba bangwe

 

Go ne go na le dibui go tswa kwa mafapheng a a farologaneng mo letsatsing leo le dipegelokarabo tse dintsi tse di siameng go tswa go batsayakarolo. "Baithuti ba ne ba simolola go itshepa fela thata mme seno se tla ba thusa go nna batlhomasekao mo go ba bangwe le baeteledipele ba kokomana e e latelang," Petro o bolela jalo. "Letsholo leno le ama ka tlhamalalo go fetola maikutlo le pono ka maemo a bone le go ba rotloetsa."

 

Juan-Ri a re ga jaanong jaana SCD, Lefapha la Dikamano le Baithuti ba Nako e e Fetileng le Van Schaik Potchefstroom di ba tshegetsa ka madi, mme ba tlhoka thuso epe fela go tswa go bana le seabe e bile ba tla  e anaanela thata.