A re maiteko a maloko a badiri a dirile gore yunibesiti ya rona e nne nngwe ya tse supa tse di neilweng maemo a ntlha mo Aforikaborwa. (Nako mo bidiong: 20:28)

 

YBB e dirile kgatelopele e e molemo tota fa e sa le e simolola go ikemela ka nosi, o ne a bolela jalo. O ne a oketsa ka gore re tshwanetse go tlhomamisa gore dikhamphase tse tharo di abelwa badiri ba ba mo maemong a a kwa godimo ka go lekalekana – mme re ntse re dira sentle tota mo go seo gone jaanong jaana. (16:42)

 

YBB le setheo sa thutogodimo

 

Morago ga moo ba ne ba tshwara motlotlo ka ga gore setheo se tsweletse pele jang, leano la YBB ke lefe le gore go dirilwe thulaganyo ya gore go dirweng morago ga leroborobo.

 

Eno ke ntlha ya konokono e Mop Linda du Plessis,

mothusa motlatsa-mokanseliri yo o ikarabelang ka dithulaganyo le ditiro tsa Khamphase ya Vanderbijlpark a neng a tsepile mogopolo mo go yone, (21:19), ene le Ngaka Duane Aslett, mokaedi wa ditogamaano mo kantorong ya ga motlatsa-mokanseliri (34:07).

 

Fa e sale go nna le totlelelo mo nageng ya rona mo ngwageng o o fetileng, yunibesiti e ile ya tswelela go bontsha mokgwa wa yone wa go amega ka ba bangwe le wa go tsibogela maemo mo loagong, Duane o ne a bolela jalo.

 

E tlhametse maokelo le ditleliniki dithusi go hema, e tlhagisitse bobolokelo jwa dijo jwa ATM jwa bahumanegi mme gone jaanong e tshwaragane le go dira ditekeletso tsa pele ga kalafi tsa moento o mo ntšha wa Covid-19.

 

Morago ga leroborobo

 

Go ya ka Linda, YBB ga e a itlhaolela kwa thoko mme e amega ka se se diregang mo setheong sa thutogodimo mo Aforikaborwa.

 

Morago ga totlelelo, YBB e ikaelela go tswelela e le yunibesiti e baithuti ba kgonang go kopana le motlhatlheledi mo go yone, o ne a bolela jalo, mme e ka nna ya tshwanelwa ke go akanyetsa mokgwa wa go ruta ka tiriso ya mafaratlhatlha. (51:47)

 

Gape o ile a bua ka ditšhono dingwe tse di neng tsa bulega ka ntlha ya leroborobo, tse di bontshitseng ka fa go tlhokegang ka gone go ithuta botshelo jotlhe le go tlhabolola dikgono tsa tiro. YBB e akanyetsa go atolosa Yuniti ya yone ya Tsweletsopele ya Thuto gore e rute dikhoso tse di khutshwane tsa tlhabololo ya dikgono tsa tiro.

 

Dilo tsotlhe batho le setso

 

Mop Mala Singh, mokaedi-mogolo wa Batho le Setso, mo porofaeleng ya badiri ya dikhamphase tse tharo, o ne a bua ka go tsoma badiri le dikgwetlho tse badiri ba YBB le setheo ba lebaneng le tsone. (01:02)

 

O ne a ba bolelela dipalopalo tsa tekatekano mo tirong gore badiri ba ba mo maemong a a kwa godimo le setlhopha sa botsamaisi jo bo magareng ba bapisiwa jang le setheo sa thutogodimo. Gape Mop Mala o ne a bua ka mekgele ya molao wa tekatekano mo tirong o o tlhomilweng ke Lefapha la Badiri le Khiro.

 

O ne a bua ka leano la tekatekano mo tirong la Batho le Setso la 2021 go fitlha ka 2023 le gore le tlile go tsenngwa tirisong jang.

 

“Leano leno ga le a thewa mo malokong a badiri a a tlileng go tsamaya, mme le theilwe mo go fitlhelelweng ga tekatekano fa re tshwanelwa ke go tlatsa diphatlhatiro kgotsa fa bangwe ba rola tiro,” Mala o ne a gatelela jalo.

 

Go ela kwa bokhutlong jwa thutano eno e e neng e tshwerwe ka mafaratlhatlha, go ne ga arabiwa dipotso di le mmalwa tsa maloko a badiri. (1:25:09)

Ka di 23 tsa Seetebosigo, ka nako ya Motlotlo wa ntlha wa 2021 o o neng wa tshwarwa le Motlatsa-Mokanseliri, e leng Mop Dan Kgwadi, mogokgo le motlatsa-mokanseliri, o ne a leboga maloko otlhe a badiri go bo a dirile sotlhe se a neng a ka se kgona fa e sa le go nna le totlelelo mo nageng ya rona.

Go go direla dilo motlhofo, re lekile go go bontsha dinako tse mo go tsone o ka yang go reetsa dikgang tse di rileng, ka sekai: go arabiwa ga dipotso go bonwa nakong ya 1:25:22. Seno se raya gore o ka kgona go reetsa maloko a setlhopha sa botsamaisi a araba dipotso tsa babogedi mo sebakeng sa morago ga ura, metsotso e le 25 le metsotswana e le 22 mo bidiong.

SUPA MO DITSHWANTSHONG GO BUISA GO FETA

O NNA A RE BEILE MO LESEDING

Clement Manoko, mokaedi-mogolo wa dikamano le dikgwebo le go maketa, e ne e le motsamaisa-lenaneo wa thutano eno e e neng e tshwerwe ka mafaratlhatlha. O ne a simolola tiragalo eno ka motsotso wa tidimalo wa batho botlhe ba ba tlhokafatseng ka nako ya leroborobo la Covid-19.
Mop Linda du Plessis, mothusa motlatsa-mokanseliri yo o ikarabelang ka dithulaganyo le ditiro tsa Khamphase ya Vanderbijlpark o ne a akgola badiri ka ntlha ya maiteko a bone a go leka go fitlhelela palo e kgolo ya baithuti ka nako ya totlelelo ya 2020. O ne a kaya gore go tlogela sekolo ga baithuti ba ngwaga wa ntlha go tokafetse go tswa go 10,8% ka 2019 go fitlha go 9,1% ka 2020. Leno ke lekgetlo la ntlha reiti ya ba ba tlogelang sekolo e nna ka fa tlase ga 10%.
Mop Dan Kgwadi a re thutano eno e e neng e tshwerwe ka mafaratlhatlha e buletse setlhopha sa botsamaisi sa yunibesiti tšhono e e molemo ya go bolelela badiri ka mathata a a botlhokwa. O ne a oketsa ka gore ka metlha ba buisane ka tshedimosetso e e jaaka eno le ditlhopha tse di jaaka Lekgotla la YBB, le gore o itumelela gore ba ka kgona go e bolelela le badiri. “Ke motlotlo go bo ke le moeteledipele wa lona e bile ke motlotlo ka lona,” o ne a konela jalo.
Mop Mala Singh, mokaedi-mogolo wa batho le setso, o ne a gatelela gore matlotlo a a botlhokwa go a feta otlhe a YBB ke badiri ba yone. O ne a rotloetsa maloko a badiri gore ba batle thuso ka mathata a tlhaloganyo le a loago fa ba utlwa go tlhokega. Gape o ile a araba dipotso ka sekema sa thuso ya kalafi, dikgang tsa go tseelwa dikgato-kgalemo, maiteko a go dira gore badiri ba se ka ba tlogela tiro, le ka dikgono tse di botlhokwa tse di bonwang sewelo mo YBB.
Ngaka Duane Aslett, mokaedi wa ditogamaano mo kantorong ya motlatsa-mokanseliri le ene o ne a tsaya karolo mo thutanong e e tshwarwang ka mafaratlhatlha. O ne a tlhalosa gore ka 2020, go ne ga okediwa ka Togamaano ya Kgwebo ya Dijethale jaaka mokgele wa borataro wa Thulaganyo-Tiro ya Ngwaga ya yunibesiti. Boikaelelo jwa togamaano eno ke go naya bana-le-seabe maitemogelo a boleng jo bo kwa godimo a Phetogo ya Lekgetlo la Bone ya Diintaseteri.