Letsholo leno la go enta le ne la simolola ka Labotlhano, 16 Phukwi, mme le ne la tswelela go ralala mafelobeke, kwa Great Hall ya Mahikeng le kwa Dampad Dining Hall kwa Potchefstroom. Puso ya porofense ya bokone Bophirima e ne ya tlhaola mafelo ano jaaka mafelo a letsholo la go enta.

 

Go tloga ka tshimologo ya letsholo go setse go dirilwe meento e ka feta 8000 ya Johnson & Johnson le Pfizer kwa mafelong a go enta mo dikhamphaseng tse pedi tsa rona tsa Mahikeng le Potchefstroom.

 

Ka maswabi, e re ka Khamphase ya Vanderbijlpark e le mo Gauteng, tumalano ga e a ka ya akaretsa khamphase eno, mme maloko a badiri le malapa a a neng a tsaya loeto go ya kwa Potchefstroom a ne a amogelwa kwa lefelong leo.

 

Meento e ne e le ya go enta maloko a YBB fela a a neng a ikwadisitse, malapa a bone le bathusi ba bone ba mo gae, mme fa tshedimosetso e ntse e anamisiwa ka molomo le ka mmedia wa botsalano, maloko a le mantsi mo setšhabeng a a neng a ikwadiseditse go entiwa le one a ne a tsena mo moleng gore a entiwe.

 

Letsholo leno le ne la atlega fela thata mo e leng gore go ne ga okediwa ka matlha a mangwe gape mo sekejuleng sa go enta ― di 6 go fitlha go di 7 Phatwe kwa Mahikeng le ka di 7 go fitlha ka di 8 Phatwe kwa Potchefstroom. Matlha a mangwe a tlaa tlhaeletsanwa ka pele jaaka go kgonega.

 

Ditshwaelo tse di seng kana ka sepe tse di kgothatsang

 

Mop Awie Kotze, modini wa Legoro la Disaense tsa Pholo, yo o neng a okametse letsholo la go enta, a re ba amogetse ditshwaelo tse di molemo go tswa mo badiring le mo malokong a baagi kwa mafelong a go entiwa, le mo mmedieng wa botsalano.

 

“Go ne go itumedisa tota go bona tlhagafalo, manontlhotlho le botsalano jwa mongwe le mongwe yo o neng a tsaya karolo mo letsholong leno. Go ne go itumedisa go bona bontsi jwa batho ba ba neng ba tla go entiwa le ka fa go neng go rena mowa o o siameng ka gone mo mafelobekeng ao otlhe.

 

“Ga go motlhofo go enta batho ba bantsi thata, mme go batla gore botlhe ba ba tsayang karolo mo letsholong leno, ba inee mo go lone ka bojotlhe. Re motlotlo ka botlhe ba ba ileng ba tsaya karolo mo letsholong leno.”

 

A re YBB e ka kgona go tlamela Aforikaborwa ka tirelo e e botlhokwa eno ya go e tlamela ka ditlhoko tsa yone mo lobakeng lo lo khutshwane fela. “Tirisanommogo e e nnileng gone le puso ya porofense ya Bokone Bophirima e re thusitse go tlamela ka tirelo e e mosola eno.

 

Ke lengwe la mafelo a mantsi a a mo thulaganyong eno

 

Mop Awie a re mafelo a YBB ke mangwe a mafelo a mantsi a go entelwang batho kwa go one a a tlhaoletsweng go dira jalo mo porofenseng. “Re butse mafelo a ntlha, mme baemedi go tswa kwa mafelong a mangwe a go enta ba ne ba etela YBB go tla go bona gore re dira tiro eno jang. Mafelo a mangwe a tla akaretsa Klerksdorp le Rustenburg.”

 

Mop Dan Kgwadi, motlatsa-mokanseliri, o ne a leboga badiri botlhe ba YBB, baithuti le bana-le-seabe ba ba neng ba ithaopela go tla go dira mo mafelong a go enta.

 

“Rona jaaka lelapa la YBB re motlotlo ka tiro e e molemo e e neng ya dirwa go tlhomamisa gore mongwe le mongwe yo o tshwanelegang o amogetse moento wa gagwe. Ka boineelo jono le katlego e e nnileng gone, rona jaaka lelapa la YBB re thusa fela thata mo go mekamekaneng le leroborobo leno.”

 

A re tiro ya ka natla ya lelapa la YBB ka nako ya letsholo la go enta ke sekao sa yunibesiti sa go amega ka ba bangwe le go ineela ka botlalo mo go thuseng baagi.

Lelapa la YBB le dira gore letsholo la go enta e nne le le kgethegileng le go feta

 

Mowa o o siameng o o neng o rena ka nako ya letsholo la go enta o ne o akaretsa matsholo a mangwe a a itumedisang pelo.

 

A ne a akaretsa kantoro ya popae ya YBB e leng Eagi e e neng e aba dikobo tse di fetang 30 go boloka baithaopi ba thuthafetse, le Thuso Covid-19 Compliance Buddies e e eteletsweng pele ke Juan-Ri Potgieter ya ba ba neng ba diragatsa boikarabelo jwa bone jaaka batlhokomedi ba ba botsalano.

 

Tirelo e e kgethegileng ya go tlhokomela bana le yone e ne e le ntlhakgolo. Batsadi ba ne ba kgona go tlogela bana ba tlhokometswe ke baithaopi ba badiredi-loago le ba baithuta-tlhaloganyo fa bone ba ya go entiwa.

 

Maloko a setšhaba le one a ne a thusa ka ditsela tsa bone e le go keteka Letsatsi la ga Mandela. Ba ne ba akaretsa Fruit Hub e e neng ya aba mabokoso a maungo go leboga badiri kwa lefelong la go enta kwa Mahikeng.

 

“Go botlhokwa thata gore re entelwe Covid-19. Re rulaganyetsa go nna le diporojeke tsa gore maloko a badiri ba YBB le maloko a setšhaba a entiwe kwa mafelong a letsholo la rona la go enta. Re tla tlhagisa tshedimosetso go ya pele ka ga seno,” go bolela jalo Mop Awie.

Dikobo di le 30 di abetswe baithaopi

Mabokoso a maungo a abetswe baithaopi

Bathusi ba ba botsala mme ba tlhokomela karabelo

Tlhokomelo ya bana e e mahala

Motlatsa-Mokanseliri, e leng Mop Dan Kgwadi le Eagi ba re go botlhokwa go entiwa.

Thulaganyo kwa mafelong a letsholo la

Letsholo la moento wa Covid-19 mo Aforikaborwa le ne la gola fela thata fa maloko a le diketekete a baagi, go akaretsa le badiri ba rona ba YBB, bagatsaabone le balekane ba bone ba botshelo ba ne ba entiwa kwa mafelong a mabedi a letsholo la go enta la YBB.

Tobetsa setshwantsho se se fa godimo o bogele bidio ya letsholo la go enta.

Dikabelo tse di amogetsweng le ditirelo tse di ntshiwang

GO ENTA KWA YBB

e atlegile fela thata