o emela YBB mo lebaleng la kgwele ya dinao

Moithuti Precious Dlhamini  o gakolola batshameki ba basetsana ba balekane ba gagwe, go se tlogele thuto kwa morago.

Precious  Dlhamini wa dingwaga di le 23, yo e leng moithuti yo o ithutelang botsamaisi jwa metshameko le boitlosobodutu  o setse a na le dilo di le dintsi tse a ipelang ka tsone. Mo godimo ga go nna mokapotene wa setlhopha sa kgwele ya dinao sa basadi sa YBB ya Lekwa, bošeng jaana o ne a tlhophiwa go nna Mmamotshameko wa Ngwaga wa kwa Sedibeng.

Precious o tlhalosa go tlhatlosiwa maemo ga gagwe go tswa go setlhopha B go ya go sa A mo University Sports South Africa (USSA) jaaka nngwe ya diphitlhelelo tsa gagwe tse dikgolo mo mokgeleng wa gagwe wa go tshameka kgwele ya dinao. (USSA ke setlamo se se laolang metshameko yotlhe e e tshamekwang kwa ditheong tsa thešiari mo Aforikaborwa.)

 

Gape Precious o tshamekela nngwe ya ditlelapa tse di tumileng mo Aforikaborwa, e leng Bloemfontein Celtic, jaaka monosa-dino le jaaka motshameka-thoko.

 

O simolotse leng

 

Precious yo o belegetsweng  kwa Sharpville le go golela teng, o simolotse go tshameka kgwele ya dinao le basimane mo mebileng a le dingwaga di le robongwe.

 

Go dira jalo go ne ga mo ruta go tsatsanka ba bangwe sentle ka kgwele le go dira gore a se ka a inyatsa. “Ke tshamekile metshameko e e farologaneng, ya go itshamekela fela kwa thoko go fitlha ka tshameka metshameko e go betšhwang madi a a gaisanelwang. Ke ne ke sa tshabe go tsatsanka ba bangwe ka kgwele e bile gantsi e ne e le nna fela mosetsana mo lebaleng,” o gakologelwa jalo.

 

Fa a le dingwaga di le 13, bokgoni jwa gagwe jwa kgwele ya dinao bo ne jwa ngoka kgatlhego ya Nale Football Academy mo lefelong la ga bone. Fa a ne a tshameka koo, o ne a thaya metheo ya mokgele wa gagwe o o neng wa gola mme a itirela leina le le tumileng.

 

Go ise go ye kae ke fa a aloga mo ditlhopheng tsa maemo a a kwa godimo tsa kgwele ya dinao go fitlha a nna leloko la  Bloemfontein Celtics. O ne a dira ka natla go nna mongwe wa banosa-dino ba ba kwa godimo mo tlelapeng.

 

Keletso ya go tshameka kgwele ya dinao mo mebileng e Precious a neng a e bontsha a santse a le monnye  ga e a fetoga go ralala mokgele otlhe wa gagwe wa go tshameka.

 

Go ikatisa go lootsa bokgoni

 

“Ke ikatisa Mosupologo mongwe le mongwe go fitlha ka Labotlhano go simolola ka 10:00 go fitlha ka 12.00. Ka mafelobeke, re tshameka ka Matlhatso kgotsa ka Sontaga,” go bolela jalo Precious yo o tsayang malebela mo sekgantshwaneng sa kwa Portugal e leng Cristiano Ronaldo.

 

O oketsa ka gore leroborobo la Covid-19 le amile fela thata dinako tsa gagwe tsa go ikatisa le boitekanelo jwa gagwe.

 

“Selo se se ntshwenyang thata ke gore llega ya rona e emisitswe ka ntlha ya leroborobo la Covid-19. Go thata go nna o itekanetse fa o sa  ikatise,” o bolela jalo.

 

Fa a se mo lebaleng, moithuti yono wa ngwaga wa boraro o dirisetsa nako ya gagwe go ithuta.

 

O gakolola basetsana ba ba tshamekang kgwele ya dinao jaaka ene gore ba se ka ba tlhokomologa thuto. “Go sa kgathalesege gore o dirang, se tlhokomologe thuto. Motshameko ga o kitla o atlegisa batho botlhe mo botshelong. Go botoka gore o itse se o tlileng go se dira fa dilo di ka se ka tsa tsamaya sentle mo isagweng,” Precious o bolela jalo.

 

O oketsa ka gore thuto bula ditšhono tse dingwe gape tse di ntšha le go kgontsha baatlelete gore ba itirele ditshwetso tse di botlhale le gore ba batla go dira eng  mo botshelong jwa bone.

 

O eletsa go ya go tshameka kwa moseja le go itshimololela setheo sa gagwe sa kgwele ya dinao.