Lo buile rona re bo re reetsa

Maitshwaro@YBB:

Mo ngwageng o o fetileng, re ile ra lo botsa mo lenaaneng la dipotso tsa patlisiso-maikutlo gore lo leba jang boemo jwa maitshwaro mo YBB mme lo ne lwa re bolelela gore lo a leba jang. Jaanong re tlile go dirisa ditshwaelo tsa lona go kwala leano la rona la maitshwaro la YBB.

 

Kwa go simolotsweng gone

 

Ka 2020 re kopile Setheo sa Maitshwaro a a Siameng, e leng setlamo se se ikemetseng ka nosi, go dira tshekatsheko ka maitshwaro a a siameng kwa yunibesiting ya rona. Fa ba sena go tshwara dipotsolotso le setlhopha se go dirwang patlisiso ka sone, re ne ra laletsa badiri botlhe ba rona go tsaya karolo mo tshekatsheko e e amang le dipalo ka go tlatsa lenaane la dipotso tsa patlisiso-maikutlo.

Kotsi

Dikotsi tsa boitshwaro tse badiri ba kopanang le tsone gangwe le gape

Ditšhono

Dikotsi tsa boitshwaro tse badiri ba kopanang le tsone sewelo

MADUO-KAKARETSO A MOKGWA WA BOITSHWARO: 94/100

Dikarolo tse dintsi tsa mokgwatiro o o golang (ditšhono tsa mokgwatiro)

Bontsi jwa dikarolo tsa mokgwatiro o o sa nonofang (dikgwetlho tsa mokgwatiro)

MADUO-KAKARETSO A MOKGWATIRO: 38/100

Kopanyo: Ka jalo re na le tiro e ntsi ya go tlhama mokgwatiro o o golang...

(Tobetsa diaekone go buisa go feta.)

bogare

tlhoka tlhabololo

Dintlha-kakaretso ka mokgwatiro o o golang

Go leba dipholo

 

Jaanong a re boeleng mo dipholong – SE lo re boleletseng sone ke se ka bokhutshwane:

Malebana le mokgwa wa rona wa boitshwaro, re fitlheletse maduo a le 94 mo go a le 100 a a bontshang gore ga go kotsi e ntsi go le kalo.

 

Malebana le mokgwatiro kwa yunibesiting, dipholo ga di dintle go le kalo – re fitlheletse fela maduo a le 38 mo go a le 100, se se bontshang gore mokgwatiro wa rona ga o a gola. (Selo se le sengwe fela se se farologaneng ke gore badiri ba rona ba e seng dimmenejara ba ikemiseditse go tshela ka maitshwaro a rona, mo go rayang gore mokgwatiro wa rona mo ntlheng eno o santse o gola.)

 

Mme ke eng fa maduo a rona a mokgwatiro a le kwa tlase thata go gaisa maduo a boitshwaro jwa rona. Go bonala e kete go na le sekgala fa gare ga go ikobela ditiro tse e seng tsa boitshwaro jo bo siameng ka fa letlhakoreng le le lengwe, le maikutlo ka fa mekgwa-tiro e go sa buiwang sepe ka yone ya yunibesiti.

 

Sa ntlha, o supa gore ga lo a ikobela ditiro di le dintsi tse e seng tsa boitshwaro jo bo sa siamang, mo go rayang gore melao le mekgwatsamaiso tsone di a latelwa.

Go ntse go ntse jalo, ga o akanye gore mekgwa-tiro e go sa buiwang ka yone, diphopholetso le ditumelo tsone gantsi di tshegetsa boitshwaro jo bo siameng kwa yunibesiting.

 

Ka fa dipholo di neng tsa begwa ka gone

 

Komiti ya Botsamaisi ya Yunibesiti le Komiti ya Maitshwaro a a Siameng ya Lekgotla e ne ya amogela ditshwaelo, mme gape dipholo di ne tsa tlotlwa kwa kokoanong ya dithutano ya Lekgotla ka di 17 Mopitlwe 2021.

 

Morago ga moo go ne ga latela kokoanobadiri le baithuti ya go bolelelwa ditaelo mo mafaratlhatlheng ka di 20 Motsheganong.

 

Jaanong go tlile go direga eng?

 

Go ya ka dipholo, go bonala sentle gore re na le tiro e ntsi go e dira: re tshwanetse go semela le go tlhama mokgwatiro o o golang.

 

Kgato ya ntlha ke go tlhama leano la maitshwaro a a siameng le leano la botsamaisi le le tla re letlang go laola mekgwa ya boitshwaro le go rarabolola matshwenyego. Komiti ya Loago, Maitshwaro a a Siameng le ya Tshekatsheko ya Kgonego ya Ditatlhegelo tsa Madi e tla okamela go tsenngwa tirisong ga leano leno.

 

Morago ga moo go tla tlhamiwa dikgatotharabololo tsa go tokafatsa mokgwatiro. Seno ga e kitla e nna fela tiro ya gore go ikobelwe melao – ga re tseela mekgwa ya maitshwaro a a siameng kwa tlase mme re ka rata go tsaya karolo le lona lotlhe mo go direng jalo.

A diphitlhelelo tseno di boammaaruri?

 

Diphitlhelelo tseno di boammaaruri ka gonne di tladitswe ke badiri ba le 2 341.

 

Seno se raya gore modiri a le mongwe mo go ba le babedi o tladitse lenaane la dipotso tsa patlisiso-maikutlo, e leng palo e ntle ya ba ba arabileng dipotso. Mo godimo ga moo, gape go ne go na le ditlhopha tse go dirwang patlisiso ka tsone le dipotsolotso tse di neng di tshwerwe le baemedi ba baithuti, mmogo le ditlhopha tsa botsamaisi mo dikhamphaseng tsotlhe tsa YBB.

 

Re lebogetse go utlwa maikutlo a lona!

Pele re leba dipholo tsa lenaane la dipotso tsa patlisiso-maikutlo, a re ikgopotseng pele ka lenaane la dipotso tsa patlisiso-maikutlo le le tladitsweng ke lona. E ne e tsepile mo dilong tse pedi: mokgwa wa boitshwaro le mokgwatiro wa mo YBB. Tobetsa dikonopo tse di fa tlase go bona gore pharologano fa gare ga mokgwa wa boitshwaro le mokgwatiro ke eng:

  • MOKGWA WA BOITSHWARO

    Mokgwa wa boitshwaro o raya makgetlo a ka one badiri ba sa itshwareng sentle letsatsi le letsatsi mo setlamong sa rona. Fa maduo a le kwa godimo, go raya gore maloko a badiri ga a bone bontsi jwa maitshwaro a a sa siamang, mme maduo a a kwa tlase one a supa gore go na le maitshwaro a a sa siamang a mantsi.

  • MOKGWATIRO

    Mokgwatiro o raya dikarolo mo setlamong tsa mokgwa o setlamo se dirang tiro ka one, diphopholetso kgotsa ditumelo tse di tshegetsang kgotsa tse di sa tshegetseng boitshwaro jo bo siameng. Maduo a a reng A Kwa Godimo a supa mokgwatiro o o golang mme maduo a a reng a kwa tlase one a supa mokgwatiro o o sa nonofang le o o sa golang.