Temosi ya rona ya go dupa ke nngwe ya ditemosi tse di sa tseweng tsia go le kalo, e e kgonang go gopotsa motho dilo tse di monate thata le tse di tsosang maikutlo. Dioli tse di botlhokwa di itsege ka monko wa tsone o o monate le go ikutlwa monate fa o sena go di dirisa, mme ga go ope yo o itseng seo go feta Nyakallo Metsing.

Nyakallo, moithuti wa masetase ya ditshedinnye, o itiretse mefuta ya gagwe ya dioli tse di botlhokwa tse di nkgang monate tse di bidiwang Maxine.

 

O setse a na le dikirii ya BSc ya saense ya thutatshelo (saense ya ditshedinnye le boithutaditshedi), mmogo le dikirii ya BScHons ya disaense tsa mo tikologong.

 

“Kgopolo ya me ya go itirela mefuta ya dioli tsa me tse di nkgang monate e simolotse fa ke ne ke fenyenkolola inthanete, ke buisa ka dioli tse di botlhokwa. Se ke neng ke se buisa se ne sa tsosa kgatlhego ya me mme ka simolola go dira ditekeletso ka dioli tse di farologaneng tseno,” Nyakallo o bolela jalo.

 

Seno se ne sa dira gore a dire patlisiso go ya pele a bo a swetsa ka gore a itlhamele dioli le go di tlhagisa. “Ke ne ka dira ditekeletso ka dikumo tse di motlhofo jaaka dioli tsa masea, oli ya Canola, vodka le dioli tse dingwe tse di nkgang monate mme ka batla mongwe yo a neng a ka ntlamela ka tse di nang le motswako wa tagi.”

 

Tiro eno ke ya go tlhomelela basadi

 

Go tlhomelelwa ga basadi ke selo se Nyakallo a se ratang thata. “Go a gakgamatsa go bona bontsi jwa dilo tse o ka di fitlhelelang fa o tlhoma mogopolo mo mokgeleng o wena o o tlhomileng,” o bolela jalo.

 

Gape a re go rotloetsa fela thata go bona basadi ba simolola go okamela diintaseteri tse di ntseng di okametswe ke banna le gore isagwe ya basadi ba bagwebi e a itumedisa.

 

Nyakallo o dumela gore go botlhokwa go bapala kitso le dikgono, e bile ga a tshabe go lekeletsa dilo tse disha le go latelela se a se ratang.

 

Monko o o monate wa isagwe

 

“Mokgele wa me wa mo isagweng ke go ipulela kgwebo ya me ya dinkgisamonate le go bula dikgwebo tse dingwe mo intasetering eno.” O solofela gore o tla oketsa dilwana tse a tlileng go di dira ka dinkgisa-monate tsa koloi, dikerese, diseporei tsa go nkgisa mowa monate.

 

“Nngwe ya dithuto tse dikgolo tse ke ithutileng tsone mo thulaganyong eno yotlhe ke gore gone go santse go na le kgonego ya go tokafatsa,” o bolela jalo.

 

O tswa kwa Soweto. Dilo tse a fetisang nako ka tsone le tse a di kgatlhegelang di akaretsa go buisa, go reetsa mmino le go iteka mo diatsheng le mo ditirong tse di farologaneng tsa diatla.

 

Tsela e a tlileng go maketa tiro ya gagwe ka yone e motlhofo e bile e na le matswela, le setaele sa gagwe se sentle e bile ga se matsapa. E re ka Nyakallo a itse ka fa mmedia wa botsalano o leng mosola ka gone, o dirile akhaonto ya Instagram e a e bitsang account@maxine scents o dirile le tsebe ya Facebook. O dirisa WhatsApp go bolelela batho ka dikumo tsa gagwe.

 

O oketsa ka gore ga a kitla a itetla go iteega tsebe mme o tla dirisa nako e ntsi go berekana le leinakgwebo la gagwe le go maketa dikumo tsa gagwe fa a sena go wetsa le go romela pegelo ya kakanyotheo ya gagwe (thesis).

 

Ka ntlha ya go rotloetsega ga ga Nyakallo le mekgwa-mentle ya gagwe ya tiro, e e patilweng ke tlhagafalo ya gagwe, re setse re utlwa monko o o monate wa go atlega ga gagwe.

Moithuti wa ngwaga wa bofelo e leng Nyakallo Metsing o ne a dirisa ka tsela e e molemo kitso e a nang le yone ka saense ya ditshedinnye le ya boithutaditshedi fa a ne a itirela kgwebo ya gagwe ya dioli tse di nkgang monate. Fa a se mo tirong, o rata go buisa, go reetsa mmino le go lekeletsa mefuta e e farologaneng ya diatshe le tiro ya diatla.

o setse a utlwa monko o
O MONATE WA GO ATLEGA

Leinakgwebo la dioli tse di nkgang monate tsa ga Nyakallo ke Maxine.