GO ITHUTA KA TIRISO YA MAFARATLHATLHA

Baakatemi ba itumeletse thata go ka kgona

Baithuti ba YBB ga se bone fela ba solegelwang molemo ke go ithutela mo mafaratlhatlheng.

Baakatemi ba YBB ba ba batlang go tokafatsa dikgono tsa bone tsa go ruta ba sola molemo dikhoso tsa maemo a a kwa godimo mo lefatsheng tsa Epigeum tse di ka fitlhelelwang ke batlhatlheledi, mme go ya ka ditshwaelo tsa baakatemi ba le mmalwa ba ba tsereng karolo mo go seno, dikhoso di buelelwa fela thata.

Senthara ya Go Ruta le Go Ithuta (Centre for Teaching and Learning [CTL]) e na le nakonyana e ntse e ruta dikhoso mo mafaratlhatlheng tse di tlhamilweng ke Epigeum fa e sa le ka 2020. Tirisanommogo fa gare ga CTL le Epigeum e simolotse fa maloko mangwe a CTL a ne a tsaya loeto go ya kwa United Kingdom ka 2018 go ya go thusa ka go tlhama Tsela ya Go Ruta ya Yunibesiti. Khoso ya Dikgono tsa Konokono.

Re kopile batlhatlheledi ba le mmalwa ba ba setseng ba weditse dikhoso dingwe  go re naya ditshwaelo ka ga gore ba nnile le maitemogelo afe ka dikhoso tseno. Tobetsa setshwantsho sengwe le sengwe gore o buise go ya pele.

Dikhoso tse di latelang di ka fitlhelelwa ke batlhatlheledi gore ba di dirise:

(Tobetsa dikhutlonne go buisa go feta.)

  • Tsela ya Yunibesiti ya go Ruta: Dikgono tsa Konokono

    Khoso eno e amana le ditlhogo tsa go ruta kwa yunibesiting, jaaka tsa tekolo, go tsaya karolo ga baithuti, ditogamaano tsa go ruta le tse dingwe.


    (di ka bonwa ka eFundi)

     

    read more

  • Go Ithuta go go Tswakantsweng

    Khoso eno e tlotla ka dintlha-kakaretso tse dintsi tsa mekgwa-tswako ya go ithuta e e ka go tlhomolola tshedimosetso ka ga mekgwa e e e gaisang yotlhe ya tiro e e tswang go baakatemi mo lefatsheng lotlhe, le tshedimosetso ya ka fa batlhatlheledi ba ka dirisang ka gone mekgwa-tswako ya go ithuta mo dimmojuleng tsa bone.

     

    (di ka bonwa mo webosaeteng ya Epigeum)

     

     

    read more

  • Go Ruta mo Mafaratlhatlheng Dikgato Tse di Latelang Tsa Tlhamo le Tlhabololo

    Ka go fudugela go mokgwa wa maemo a tshoganyetso wa go ruta le go ithuta, batlhatlheledi ba le bantsi ba ne ba tshwanelwa ke go fetola mekgwa ya bone ya go ruta gore e tsamaisane le eno. Khoso eno e tlamela ka dikgato tse di bontshang ka fa batlhatlheledi ba ka rutang ka katlego ka gone mo mafaratlhatlheng.

     

    (di ka bonwa mo webosaeteng ya Epigeum)

     

     

    read more