MOSADI YO O NONOFILENG

Leba bidio eno ya segopotso sa tirelo ya segopotso sa ga Mop Marilyn Setlalentoa mme o nne le seabe mo go ketekeng botshelo jo a bo tshetseng.

“Ruri re latlhegetswe ke pilara ya lelapa la YBB.”

 

- Mop Dan Kgwadi, Mogokgo le motlatsa-mokanseliri.

Maloko a YBB a ne a keteka botshelo jwa ga Moswi Mop Marilyn Setlalentoa ka nako ya tirelo ya segopotso sa gagwe e e neng e tshwerwe ka mafaratlhatlha ka di 31 Motsheganong 2021.

Mop Marilyn, mothusa motlatsa-mokanseliri wa go nna le seabe mo baaging le wa ditiro tsa Khamphase ya Mahikeng o tlhokafetse ka di 20 Motsheganong 2021, ka ntlha ya marara a a amanang le Covid-19.

 

Go bopa setshwantsho sa botshelo jwa gagwe

 

Ka mafoko a bone, batho ba ba neng ba mo tlotla le go keteka botshelo jwa gagwe ba ne ba bopa setshwantsho se sentle sa mosadi yo o nonofileng yo o nang le dikgopolo tsa gagwe tse di nonofileng.

 

Motlatsa-mokanseliri e leng Mop Dan Kgwadi o ne a tlhalosa jaana: “Ke tla mo gopola jaaka motho yo o neng a inakaanya le ba bangwe ka bopelokgale le ka tsela e e nonofileng, mme kwa bokhutlong jwa sotlhe, o ne a batla go bona go dirilwe tshwetso.”

 

O kopile gape gore leina la gagwe le se ka la tlosiwa mo khamphaseng mme fa go tshwanela, nngwe ya dikago e bidiwe ka leina la gagwe. “Fa o tsamaya mo khamphaseng ya rona, o tshwanetse go itse dilo tse Mop Marilyn a di diretseng setheo seno.”

 

O tla gopolwa

 

Bangwe ba ne ba mmitsa moeteledipele yo o tlhaga, yo o sa tseyeng matlakala mme a tshwara botlhe ka tlotlo; yo o neng a dira ka natla e bile a tletse tshiamiso le go tshwara botlhe ka tekatekano. Gape o tla gopolwa jaaka motho yo o neng a tsepa mogopolo mo go tliseng kgolo e e itsetsepelang le go batlana le ditharabololo tsa Aforika mo dilong tsa Aforika tse di tlhokang go etelediwa kwa pele.

 

Lentswe la gagwe le le ne neng le gatelela fa a bua le go dira ditshwetso, lerato le a neng a le bontsha ka ditiro le go bua puo pha! ga gagwe di tla gopolwa fela thata ke ba le bantsi bao a amileng matshelo a bone.

 

Ee, setlhare se segolo se wele, mme re gomotswa ke tshwaelo eno e nngwe: Kgabo ya molelo wa gagwe e tla tuka ka bosakhutlong mo dipelong tsa rona.

 

Ga go pelaelo epe: Mop Marilyn Setlalentoa o amile dipelo le matshelo a batho botlhe ba a kopaneng le bone mo botshelong. Boammaaruri jwa seno bo bontshitswe ke matshediso a a neng a romelwa ka ene ka nako ya tirelo ya segopotso sa gagwe e e neng e tshwerwe  ka tiriso ya mafaratlhatlha ka di 31 Motsheganong 2021.