BOLAOLAMOTSHAMEKO MO GO MASWE

Moakatemi o rata tiro ya

Fa moakatemi wa YBB e leng Ngaka John Asong a ne a sa kgone go latelela mokgele wa botshelo wa go nna motshameki wa kgwele ya dinao, ga a ka a huralela motshameko o montle ono; go na le moo, o ne a rwala ditlhako tsa teng mme a tabogela mo lebaleng jaaka molaola-motshameko le referii.

John, motlhatlheledi wa disaense tsa botshelo kwa Legorong la Thuto kwa Khamphaseng ya Mafikeng, a re fa a sa dire maikarabelo a gagwe a tsa akatemi, o dira se a se ratang thata, e leng go tshameka kgwele ya dinao.

 

Morago ga dingwaga di le 20, go refa motshameko ga e tlhole e le selo sa go tsamaisa nako fela se John a se dirang. “Ke tiro e ke e ratang go feta selekanyo. Ke rata go refa motshameko; ke ga tlholego fela mo go nna. Ke boineelo jwa botshelo jotlhe.”

 

Go simolola ka motshameko

 

Fa John a bua ka dinako tsa bogologolo tsa fa a ne a tshameka kgwele ya dinao, a re, “Ke kile ka nna mothiba-dino wa sekolo sa rona sa sekontari mme moragonyana ka nna mokatisi wa setlhopha kwa gae kwa Cameroon.

 

“E ne ya re fa ke lemoga gore ga ke tle go kgona go tswelela ka mokgele wa me wa kgwele ya dinao fa ke sena go fetsa sekolo sa sekontari, ke ne ka dira tshwetso ya gore ke leke ka natla go tswelela mo motshamekong o montle ono, ke ne ka tsaya khoso ya masimologo ya go refa metshameko, mme ka simolola go lemoga gore ke o rata tota motshameko ono, mme ka se ka ka tlhola ke leba kwa morago.”

 

O simolotse a le referii kwa Cameroon ka 2001 wa setlhopha sa maemo a boraro (sa kgaolo) mme a tlhatlosediwa kwa go katiseng sa maemo a bobedi (mo porofenseng) ngwaga morago ga moo.

 

Mabala a masa a metshameko

 

Fa a ne a fudugela kwa Aforikaborwa ka kgwedi ya Diphalane 2002, o ne a nna leloko la South African Football Association (SAFA) kwa Pretoria.

 

Fa e sa le ka nako eo, o nnile le tšhono ya go laola motshameko wa llega ya kgaolo ya SAB, llega ya porofense ya Vodacom, kwa kgaisanong ya boditšhabatšhaba ya batshameki ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 17 ya Copa Coca-Cola kwa Pretoria le ya motshameko wa botsalano wa England vs South Korea wa go ipaakanyetsa Sejana sa Lefatshe Lotlhe sa FIFA sa 2010.

 

Fa a ne a fudugela kwa Mahikeng ka 2011, o ne a golagana ka bonako le SAFA mo kgaolong ya Ngaka Modiri Molema ka go nna molaola-metshameko.

 

“Ga jaanong jaana ke santse ke le molaola-metshameko mo kgaolong mme sa botlhokwa le go feta, mo metshamekong e mentsi ya llega ya ABC Motsepe, ke neilwe boikarabelo jwa go nna mokomišinara wa metshameko le wa llega ya motshameko wa basadi mo kgaolong,” Go bolela jalo John yo jaanong a nang le setifikeiti sa SAFA sa Maemo a bo 4 a go refa metshameko.

 

Mowa wa go rata kgwele ya dinao thata wa ga John le go refa metshameko o tshelegela ba bangwe e bile o bontsha ka fa motshameko ono o leng montle ka gone.

 

Go Nna Referii ya kgwele ya dinao ke selo se John Asong a se ratang fela thata

BOLAOLA-MOTSHAMEKO MO GO MASWE