go tlisa pharologano gore go nne le kgatelopele mo kontinenteng

Mop Leenta Grobler o neela puo ya setlhogo ka nako ya thutano ya inthanete ya Letsatsi la Aforika la YBB.

LETSATSI LA AFORIKA:

Tobetsa setshwantsho go leba webinara e e rekotilweng.

Dintlha go ya pele ka Kgwedi ya Aforika le Letsatsi la Yone

 

Boikaelelo jwa Letsatsi la Aforika ke go keteka le go akgola Organisation of African Unity (e jaanong e bidiwang African Union), e e neng ya tlhamiwa ka di 25 Motsheganong 1963 go lwantsha bokolone le apareteiti.

 

Kgwedi ya Aforika ya ngwaga ono e ketekwa ka fa tlase ga setlhogo se se reng: “Ngwaga wa Botsweretshi, Setso le Boswa: Mo ngwageng wa ga Charlotte Maxeke”.

 

Ngaka Maxeke ga a ka a kganelwa ke dithibelo tse di neng di tlhomilwe ke puso ya apareteiti go nna moeteledipele wa sepolotiki mme o ne a rutegile thata go sa kgathalesege dikgwetlho tsa dingwaga tsa bo 1900. Bookelo jwa Charlotte Maxeke kwa Johannesburg bo bidiwa ka leina la gagwe go mo tlotla.

 

Seno ke se se neng sa buiwa ke Mop Leenta Grobler, mokaedi wa nakwana wa tlhabololo ya kgwebo le wa puisano le bana-le-seabe wa Legoro la Boenjenere la YBB, fa a ne a neetse puo ya setlhogo bošeng jaana ka webinara ka Letsatsi la Aforika la di 25 Motsheganong 2021.

 

Ba ne ba ntsha maikutlo a bone ka ga go dira pharologano. YBB e ne ya nna le tirisanommogo le Yunibesiti ya kwa Kenya ya Jomo Kenyata ka go dirisa dikago tsa tlhokomelo ya pholo tsa Kenya gore go direlwe ditekeletso mo go tsone le go maketa ditharabololo tsa yone tsa bosheng jaana tse tharo tsa Covid-19.

 

Ka nako ya webinara ya setlhogo se se reng “Go didimatsa ditlhobolo: go tlhama maemo a mo go one go kgonegang go tlisa tlhabololo mo Aforika”, Leenta o ne a tlhomolola dilo dingwe tse re di tlhamileng, jaaka Sediriso sa TjopTjop sa go tlhatlhobela batho Covid  e ga jaanong jaana e dirisediwang  go tlhatlhoba bobotlana bana ba le 22 000 mo Aforikaborwa.

 

“Matsholo otlhe a rona, go akaretsa le sedirisiwa sa PCR se se itirisang se se thusang ka dinako tsa go dirwa ga diteko ka nako ya maroborobo, a bontsha ka fa thekenoloji le ditharabololo tsa dijethale tsa mathata a pholo di ka nnang le diphelelo tse dikgolo ka gone mo lefatsheng la rona le go tlisa pharologano e kgolo thata mo Aforika,” o ne a oketsa jalo.

 

Seno se tsamaisana sentle thata le mafoko a mongwe wa batho ba bagolo thata mo Aforika, Poresidente wa maloba e leng Nelson Mandela: “Se se botlhokwa mo botshelong ga se kgang fela ya gore re kile ra tshela.  Ke gore re dirile pharologano efe mo matshelong a batho ba bangwe.”

Ga re itumelele go tlisa pharologano mo Aforika Borwa fela – re tshwanetse go tlisa pharologano eo mo Aforika le mo lefatsheng lotlhe.

“Jaaka re ntse fano gompieno, re lebile dinaga tse dingwe gore di tshegetse bagarona ka dilo tse di jaaka meento. Go ikaegile ka rona gore re se ka ra leba kwa morago le go ngongorega, mme re batle ditharabololo tsa gore re nne le Aforika yo re batlang go mmona.

 

- Clement Manoko,
Mokaedi-mogolo wa dikamano le dikgwebo le go maketa.

Clement Manoko, Mokaedi-mogolo wa dikamano le dikgwebo le go maketa, e ne e le mokaedi-lenaneo mo tiragalong eno.