Fela jaaka go butswela enjene ya Mustang ka go gata mafura go ka fetola Khukhwana ya Volkwagen ya dingwaga tsa bo 1970 gore e nne sejanaga sa enjene e e bogale sa lebelo, porojeke ya IT ya go golagana le batho ka mafaratlhatlha e ka dira gore khomphiutha ya gago e e tlwaelegileng e nne e e maatla thata.

Ka fa IT

E MATLAFATSANG DIKHOMPHIUTHA TSA LABORATORI LE YA GAGO

Louw Venter ke mosekaseki-mogolo wa kgwebo wa IT.

eish! e ne ya bua le Louw Venter, mosekaseki-mogolo wa dikgwebo wa IT, ka porojeke ya bone, e e tlileng go lelefatsa lobaka lwa botshelo jwa dikhomphiutha tsa laboratori ya mo khamphaseng le go dira gore o kgone go dirisa diporokeramo tse gantsi di sa kgonweng ke khomphiutha kgotsa ke didirisiwa tsa gago tsa mmobaele.

 

P: Goreng lo tlhamile desktopo ya kgolagano le ba bangwe ka mafaratlhatlha?

K: Jaaka fa thekenoloji ya segompieno e tlhabologa ka lebelo le le boitshegang, dikhomphiutha tse batho ba nang le tsone (di-PC) tse di tlwaelegileng fela tse di dirisiwang mo dilaboratoring mo dikhamphaseng tsa rona di onala ka bonako. Mokgele wa ntlha wa porojeke eno e ne e le go batla tsela ya go oketsa lobaka la botshelo jwa di PC tseno tsa laboratori.

 

Ka go dirisa thekenoloji ya go golagana le batho ka mafaratlhatlha, tiro e e tlwaelegileng fela e e dirwang ka khomphiutha e ka tsenngwa mo khomphiutheng e e maatla go di gaisa tsotlhe mo go nngwe ya disefara tsa rona tse di tshwerweng ke IT.

 

Go raya gore go tlhotlha tiro ga motšhini wa gago gone jaanong go ka tswa go le kwa tlase thata go feta ka fa go tlhokegang ka gone fa re leba di-application tse o di dirisang. Seno se raya gore fa di PC tsa ga jaanong jaana tsa laboratori ya rona di felelwa ke nako, di santse di ka kgona go dirisiwa ka katlego. Gape go raya gore re ka kgona go reka di PC tsa laboratori tse di senang dipatlafalo tse di ntsi, ka gonne di santse di tla kgona go dira lobaka lo lo leele go feta ka fa go tlwaelegileng ka gone.

 

P: Lo simolotse leng go nna le kgopolo eno?

K: Go akanyetsa dikhomphiutha tsa laboratori bosha go simolotse ka 2016.  Morago ga go batlisisa ditharabololo, go bona madi le go reka ditlamelwa tse di tlhokegang go dira tirelo eno, tharabololo eno e ne ya diragadiwa ka Moranang 2020.

 

Morago ga go tlhomiwa ga tharabololo eno ka nako ya fa totlelelo ya Covid-19 e sena go simololwa, go ne go raya gore badiri le baithuti ba ne ba ka dirisa didirisiwa tseno fa ba direla kwa gae - e leng didirisiwa tse go neng go ka se ka ga kgona gore di dirisediwe mo khamphaseng.

 

P: Tsamaiso ya kgolagano le ba bangwe ka mafaratlhatlha e mosola go le go kae?

K: O ka kgona go golagana le batho o dirisa mafaratlhatlha a sedirisiwa sepe fela sa mmobaele se se nang le boraosara jwa segompieno, go akaretsa le di-smartphone, dithabolete, Linux, Mac kgotsa di-Windows PC – le eleng di Raspberry PIs le di Chromebooks. O ka kgona go dira jalo o le gongwe le gongwe fela - le o le ka kwa ntle ga Aforika Borwa - fa fela kgokagano ya inthanete ya gago e tlhomame sentle e le ya bobotlana dimekabaete di le pedi ka motsotswana.

 

Mosola o mongwe o mogolo ke gore o ka kgona go dirisa sedirisiwa sa gago sa mmobaele go fitlhelela dikarolofefo tsotlhe tse o ka di bonang fa o dirisa PC ya gago ya laboratori mo khamphaseng.

 

P: Go tsaya bontsi jwa tiro e e kana kang go boloka porokeramo eno e dira?

K: Go tlhoka ditshwaelo go tswa kwa mafapheng a a farologaneng a IT Go tlhokega ditirelo le dikarolo dingwe tsa porokeramo eno, mme gape go a tlhokega go gakololana le bana-le-seabe ba rona. Re tshwanetse go tlhomamisa gore porokeramo eo e mo nakong le gore e tlamela maloko a YBB ka ditlhoko tsa one. Gore seo se direge, go na le setlhopha sa botlhokwa se se ka arabang mathata ka bonako le go kopa kgakololo ya bomankge bangwe go tswa mo mafelong a a maleba.

 

Mme ntle le fa go na le dikopo tse di ntšha tsa karolofefo ya khomphiutha kgotsa go ntshiwa ditlhabololo tsa yone, porokeramo eno e tswelela e beilwe leitlho gore e dire letsatsi le letsatsi.

 

P: A o bona seno e le tiro ya laboratori ya dikhomphiutha mo isagweng?

K: Ee – e seng fela go letla badirisi ba rona go fitlhelela karolofefo ya khomphiutha le go kgona go dirisa dikhomphiutha kwa gae, mme gore ba kgone go dira jalo le fa ba le mo khamphaseng.

 

Laboratori ya dikhomphiutha tse di tlwaelegileng go bonala e tla nyelela mo tsamaong ya nako fa mongwe le mongwe wa badirisi ka bontsi a nna le ya gagwe e e kgonang go fitlhelela tirelo eno nako nngwe le nngwe. Seno se ka dirwa gongwe le gongwe - kwa khafeteria, mo bojannyeng jo bo fa pele ga laeborari kgotsa ka nako ya fa baithuti ba kopane le motlhatlheledi mo botlhatlhelelong jwa ka gale.

 

Go fetofetoga le maemo, go sa nne le matsapa ape ga porokeramo eno le go nonofa ga yone, go tla dira gore e nne sedirisiwa se se maatla sa mo isagweng.

TSEPA GO