Sekgala sa go latlhela bolo ya tshipi sa ga Margas sa 64,31 mo metshamekong ya fa go tabogelwang gone le ya mo lebaleng ya Diatleletiki tsa kwa Bokone Bophirima-Gare ka di 23 Tlhakole kwa Potchefstroom, se raya gore ke mosadi yo o ba gaisang botlhe ba ba latlhelang bolo ya tshipi yo e leng ene fela mo nageng ya rona gompieno jaana.

 

Alan (25) le Marga (22) ke barutabana e bile ba weditse di dikirii tsa bone tsa BEd kwa khamphaseng ya Vanderbijlpark.

 

Gape Alan o weditse dikirii ya onase mme ga jaanong jaana o ikwadiseditse dipoloma kwa Sekolong sa Kgwebo sa YBB. Marga o tshwaragane le go ithutela onase ya thuto ka ditlhoko tse di kgethegileng. Alan o ruta kwa Sekolong se Segolo sa Driehoek kwa Vanderbijlpark mme Marga ene kwa Sekolong sa Poraemari sa AJ Jacobs kwa Sasolburg.

 

Go rotloetsana

 

Le fa gone ba sa gaisane, ba santse ba le mo kgaisanong.

 

“Ke akanya gore motho le kgaitsadie ba ba tsayang karolo mo motshamekong o o tshwanang ba tla gaisana. Re a rotloetsana e bile mongwe le mongwe wa rona o leka go dira gore yo mongwe a dire botoka. Ee, go gaisana go teng, mme e seng go fitlhelela dikgala tse di rileng. Re leba bokgoni jo re nang le jone le gore re ka fitlhelela dikgala tse di botoka ga kae ka letsatsi,” Alan o tlhalosa jalo.

 

“Re a kgothatsana le go rotloetsana, e bile re a thusana,” Marga o bolela jalo. “Nkgonne gantsi o nthusa ka bolo ya me ya tshipi pele ga kgaisano. O a di sekaseka le go di tlhola gape go tlhomamisa gore tsotlhe di siame. Ke itumelela go dira dilo tseno tsotlhe le ene.”

 

Go ya ka Marga, go na le tsela e le nngwe fela ya go atlega mo go seno: “O tshwanetse go e latlhela letsatsi le letsatsi – go ikatisa letsatsi le letsatsi le go leka go ntsha ga tshwene gore o nne molatlhela bolo ya tshipi yo o ba gaisang botlhe.”

 

Alan o oketsa jaana: “Re ikatisa thata ka moo re ka kgonang ka gone le go dira sotlhe se re ka se kgonang go tokafatsa sekgala sa rona.”

 

Ba dira seno ba bapile, ba katogane metara le metara, motho le kgaitsadie, go mo mading a bone.

 

 

GO LATLHELA BOLO YA TSHIPI

Ga ba Tshwane gotlhelele, mme mo motshamekong wa go latlhela bolo ya tshipi, ga ba a tlhopha metshameko e e farologaneng.

 

Motho le kgaitsadie e leng Marga le Alan Cumming, ba ne ba bontsha seno sentle fa mongwe le mongwe wa bone boobedi a ne a ikgapela mmentlele wa gauta mo kgaisanong ya go latlhela bolo ya tshipi kwa Dikgaisanong tsa bosheng jaana tsa Baatlelete ba Bagolo ba Aforikaborwa.

Bommampodi! Motho le kgaitsadie e leng Marga le Alan Cumming ba ntshana bokgoni. Ke barutabana ka bobedi, gape ba a ithuta kwa YBB. Marga o go ithutela dikirii ya onase mo thutong ka ditlhoko tse di kgethegileng, mme Alan ene o ikwadiseditse dipoloma kwa Sekolong sa Kgwebo sa YBB.

go mo mading a bone

 

Go katisiwa ke mogaka

 

Bommampodi ba Go Latlhela Bolo ya Tshipi le motho le kgaitsadie e leng Marga le Alan Cumming ba katisiwa ke mogaka wa go latlhela bolo ya tshipi e leng Chris Harmse. Eno ke tshiamelo e ba e itumelelang ka bobedi.

 

“Chris ke ene a neng a re beile leitlho mme o re thusa fela thata, e seng mo metshamekong fela, mme gape mo botshelong jwa rona jwa namana,” Alan o bolela jalo.

 

“Re itumelela go bo a re eme nokeng. O na le maitemogelo a a seng kana ka sepe le kitso e a ka re tlhabang botlhale ka yone. O feditse dingwaga di le dintsi a ntse a atlega, mme o a itse gore o dira jang gore o atlege,”

 

Marga o dumela gore ke tlotla a kgolo tota le tshiamelo go kgona go ikatisa le ene.

 

“Se se molemo le go feta ke gore o go tlhokomela le mo maikutlong tota. Ee, gone kgang eno e ka ga metshameko le go kgona go dira sentle mo go yone, go ntsha ga tshwene ka moo o ka kgonang ka gone, mme gore o kgone go dira jalo, go batla gore o bo o tsogile sentle mo maikutlong.”