Fa o sekena thempereitšha ya gago, tlhomamisa gore o gaufi thata le selekanyamogote gore o bone sefatlhego sa gago sentle mo sekerining.

Gopola gore dilo tse di kwa ntle jaaka phefo le letsatsi di ama mogote wa letlalo la gago, ka jalo leka go di fokotsa ka moo o ka kgonang ka gone pele o itekanya mogote.

Mogote wa gago o tlhaga mo sekerining. “Authenticated,” go utlwala lentswe le bua jalo go tswa mo yuniting, le go letla go swaepa karata ya gago ya go tsena mo khamphaseng.

 

Kwa tshimologong ya mariga a a fetileng, thulaganyo eno ga e a ka ya dira sentle - maloko a badiri ba rona kwa dikgorong tsa botseno ba ne ba nna le bothata jwa boloka dilekanyamogote tse di tshwarwang ka seatla tse motho a sa kgomiweng ka tsone di le bothito go tlhomamisa gore di dira sentle.

 

Bothata ke gore mogote o bontsi jo dilekanyamogote di le dintsi di dirang ka one ke 10C, e leng mogote o o kwa godimo thata go gaisa mogote o re o utlwang mo mosong wa mariga kwa Bokone Bophirima le kwa Gauteng.

 

Go sa fekeediwe ke mariga

 

Ka lesego, lefapha la boenjenere la Ditirelo tsa Eleketeroniki tsa IT di ne tsa rarabolola bothata jono. Tharabololo e ne e le go tsenya sebalamogote mo teng ga setshodi sa sone gore dikarolo tsa sone di kgone go laolwa mogote go dirisiwa phete e e mogote, mme di santse di kgona go tlhagisa le mogote wa ka ka ntle ga mmele.

 

Morago ga patlisiso ya ntlha, ba ne ba batla yuniti ya go dira diteko ta mogote go tlhomamisa gore e dira sentle mo tikologong e yunibesiti e leng mo go yone. Selaolamogote le sone se ne sa lekelediwa, diteko tse di tlhomamisang gore se se ka sa ama dipalo tsa khamera.

 

Ka fa sekena seno se re solegelang molemo ka gone

 

Tharabololo eno ya boenjenere ya go sa kgome motho ka sedirisiwa e ne ya fokoletsa badiri ba Ditirelo tsa Tshireletso morwalo wa tiro, ka gonne ga go tlhole go tlhokega motho gore a lekanye batho mogote. Se fokoditse kgonego ya go anamisa Covid-19 ka gonne badisi ba le mmalwa jaanong ga bo tlhole ba na le boikarabelo jwa go tsaya mogote wa mongwe le mongwe.

 

Mo godimo ga moo, go itirisa ga motšhini ono go ne go raya gore batho ba sekeniwa ka bonako mo dihekeng mme seno se fokotsa go kgotlhagana ga bone.

Ka fa didirisiwa tsa go tlhatlhoba di dirang ka gone

 

“Dikgoro tsa botseno tse di laolwang kwa dikhamphaseng di dirisa dikhemera di le mmalwa tse di tsentsweng karata e e kgonang go lemoga sefatlhego, di kgona go lekanya mogote le go netefatsa karata ya go tsena ya yo o tsenang,” go tlhalosa jalo Jaco Crause wa Ditirelo tsa Eleketeroniki tsa IT.

 

Gone jaanong jaana, go dirisiwa fela go lekanya mogote wa mmele le gore a motho o tsentse mmaseke.

 

Sedirisiwa se dirisa dilense tse pedi tsa khamera (e e fa godimo ga sekerini mo setshwantshong se se fa tlase) go aga pono ya 3D le go tlhola gore a go tsentswe seipipa-sefatlhego le mmaseke, le go batla fa phatla e leng gone.

 

“Lense e e fa godimo, ke khamera ya “infrared” e e lemogang lesedi le le sa bonalang le le tlhagisiwang ke sengwe le sengwe go ya ka mogote wa sone, “Jacob o bolela jalo. “Sedirisiwa se dirisa bogodimo jwa phatla - e e neng ya lemogwa ke dikhemera tse di lemogang lesedi le le kgonang go bonala - go bontsha gore e itse go tsaya mogote ka khamera ya ” infrared”.”

 

Fa o nna le mathata ape, a begele motlhankedi wa tshireletso kwa hekeng. Fa motlhankedi a sa kgone go thusa, tlatsa tikete kwa go ba tshegetso ka IT Support.

Go sa le phakela thata kwa hekeng ya khamphase. Fa o bula fensetere ya koloi ya gago, o tlhabiwa ke phefo e e tsididi ya mariga fa o isa phatla ya gago gore go tsewe mogote wa gago ka sedirisiwa se se balang mogote

The dos and don’ts
when scanning your temperature

Jaco Crause ke moenjenere wa lefapha la ditirelo tsa Eleketeroniki tsa IT.

ga di fekeediwe ke mariga

DILEKANYAMOGOTE TSENO