P:Goreng baakatemi ba tshwanetse go tsaya tsia tetlokhopi ya dijethale?

K: Go botlhokwa go gopola gore tetlokhopi e ka sebopego sepe fela se o kwadileng diteng tsa gago ka sone go supa “dikgono, maatla kgotsa tshwetso” fa o ne o di kwala. Seno se akaretsa ditlhatlhelelo (mmogo le dipuo tse o di neelang ka molomo), dintlha tse go ithutwang tsone, dipuo le patlisiso.

 

Go itse ditshwanelo tsa gago le go nna o ntshitse matlho dinameng go botlhokwa gore o kgone go sireletsa tetlokhopi ya gago, ka gonne tshedimosetso ya dijethale e ka nna ya anamisediwa botlhofo fela ka bonako kwa bathong ba bantsi.

 

P:Go tweng ka tetlokhopi fa o phasalatsa thuto ya gago le tshedimosetso ya patlisiso?

K: Jaaka moakatemi, o nna o na le tetlokhopi ya se o se kwalang. Mme mo mabakeng mangwe, tetlokhopi e fudusediwa kwa go ba bangwe fa patlisiso kgotsa tiro eo e phasaladiwa – ka mokgwa wa ka tlwaelo kgotsa wa dijethale. Phuduso eo e ka dirwa fela ka dikonteraka tse di kwadilweng le tse di saenilweng le bagatisi kgotsa yunibesiti.

 

Nna kelotlhoko ka mofuta wa dikonteraka tse o di tsenelang le bagatisi. Tsela nngwe ya go phasalatsa mokwalo wa gago ke go dira kgatiso e e kgonang go fitlhelelwa ke mongwe le mongwe e leng tsela e e siameng ya go naya batho ba bantsi mogopolo wa gago mme o ntse o setse ka ditshwanelo tsa mokwalo wa gago.

 

Mokgwa o mongwe ke wa fa tshedimosetso ya gago e sa kgone go fitlhelelwa ke mongwe le mongwe, o gantsi o thibelang gore e se ka ya fitlhelelwa ke batho ba bantsi thata.

 

O tshwanetse go itse gore o batla go phasalatsa jang tshedimosetso ya gago le gore mathata a go dira jalo e ka nna afe, ka gonne tsela nngwe le nngwe e na le melao le tetlokhopi ya yone. Gantsi go a tura go dira gore tshedimosetso ya gago e fitlhelelwe ke ba bantsi thata, mme yunibesiti e ka nna ya thusa ka ditshenyegelo tseo.

 

P: Go tweng ka tetlokhopi fa o kwalela mothapi wa gago sengwe?

K: Le fa molao wa ka gale o re fa o kwalela mothapi wa gago sengwe, tetlokhopi e tla nna ya ga ene mothapi wa gago, nako e le nngwe e go sa dirweng jalo ka yone mo yunibesiting ke gore moakatemi (mme e seng yunibesiti) ke ene tetlokhopi e leng ya gagwe.

 

Dintlha tse o di kwalang  jaaka moakatemi ke tsa gago - diyunibesiti ga di ka ke tsa tlhoma molao-kakaretso wa pholisi gore tetlokhopi ke ya bone.

 

Go bolela gore tiro e e tlhagisitsweng ke moakatemi ke ya bone, go thulana le kgololesego ya moakatemi e e sirelediwang go Karolo 16 ya Molaotheo. Fa yunibesiti e tsere mokwalo “wa gago” jaaka wa bone, e ka nna ya o fetola (le go ntsha dilo dingwe tse ba sa di rateng mo go one).

 

P:O ka sireletsa tetlokhopi jang gore go se ka ga tshwenyanwa le yone?

K: Tsela e e botoka ke go lemotsha botlhe gore ke wena mong wa diteng tsa yone le gore di na le tetlokhopi.

 

Seno se ka nna sa dira gore go nne motlhofo mo go wena go tseela batho kgotsa dipolatefomo dingwe dikgato, fa tshedimosetso ya gago e ka tlhaga mo inthaneteng.

 

Kwa bofelong, ke boikarabelo jwa gago jaaka mong wa diteng go tlhomamisa gore tshedimosetso ya gago e a sirelediwa. Go e sireletsa pele ga nako go botoka go na le go leka go rarabolola bothata jwa fa tetlokhopi e setse e tshwentswe.

 

Tsela ya go sireletsa ditshwanelo tsa semolao tsa dithoto

 

  • Tlhalosa ka mo go utlwalang sentle ka dinako tsotlhe gore tiro ya gago e na le tetlokhopi. Dira gore e bonale ka mokwalo fa o neela dipuo, ka nako ya ditlhatlhelelo le mo dibukakaelong tsa go ithuta. Tlhalosa ka tsela e e utlwalang sentle gore ditlhatlhelelo ga di a tshwanela go rekotiwa kgotsa go manengwa mo inthaneteng kwantle ga tumelelo ya gago.

 

  • Nna kelotlhoko fa o phasalatsa tshedimosetso ya gago mo inthaneteng. Ka nako e o dirang jalo ka yone, o dirisitse tetlokhopi ya gago yotlhe mo ithaneteng mme tshedimosetso ya gago e ka nna ya tsewa e le ya botlhe. Jaaka mokwadi, ga o ka ke wa thibela ope go e dirisa.

 

  • Mo tirong ya go gatisa, wena jaaka moakatemi o tshwanetse go tlhomamisa gore o sala o na le ditshwanelo tse di lekaneng go go letla go boa gape o dirisa diteng tsa gago. Mogatisi mongwe le mongwe o na le melao ya gagwe ka ga se a letlang gore se ka dirwa mme ba ka baya dithibelo dingwe.
  •  
  • Fa batho ba romelelwa dibukathuto, tlhomamisa mo tumalanong ya lona gore ditshwanelo tsa mongwe le mongwe wa lona ke dife le gore ditshwanelo tseo ga di gatakelwe.

 

 

 

Metswedi-tshedimosetso ya dijethale ke didirisiwa tse di atlegang thata tsa go fetisetsa dikgopolo mo go ba bangwe mme gape di ka nna serai sa mamena a go kopololwa ga tshedimosetso, go abelanwa le go dirisiwa kwantle ga go lebisa tlotlomalo go mongwe wa yone.

ya baakatemi le babatlisisi

TSEPA GO

TETLOKHOPI YA DIJETHALE

Ke gone ka moo tetlokhopi ya mo inthaneteng e leng botlhokwa thata mo go ba ba kwalang diteng tse di tlhomologileng, jaaka baakatemi le babatlisisi.  Go sireletsa ditshwanelo tsa gago tsa semolao tsa thoto ya gago go maleba thata fa go akanyediwa tshegetso ya madi le diura tse di seng kana ka sepe (mme gantsi, go tsaya dingwaga) tsa tiro ya ka natla e e dirisediwang go dira patlisiso le dipholo tsa tiro ya akatemi.