Ke rona ba

 

 

Fa go tsogile ditsuatsuwe mo botshelong, go botoka go nna mo teng ga ntlo gore o sireletsege go fitlha di kokobela, mo boemong jwa go leka go di sutlhelela. Le fa go ntse jalo, seno ga se se YBB e neng ya se dira fa e ne e lebane le leroborobo la Covid-19.

 

Fa re leba puo e Komiti ya Botsamaisi ya Yunibesiti (University Management Committee’s [UMC]) e neng ya e neela Lekgotla ka nako ya kokoano ya dithutano ka di 17 Mopitlwe 2021, YBB e ne ya itebaganya le ditsuatsue tseno ka tlhamalalo.

 

Mo puong eo e e neng ya neelwa, UMC e tlhalosa ka fa maano a re neng ra a loga a neng a fetola tiro ya rona ka gone ya yunibesiti le ka fa dikgatotharabololo tsa rona di re kgontshitseng ka gone go sola ditšhono tse di ntšha molemo mo setheong sa thutogodimo.

 

Mo boemong jwa go itetla go fekeediwa ke setsuatsue sa Covid-19, re ne ra nonofa mme ra sola molemo ditšhono tse di ntšha tse di neng tsa tlisiwa ke yone. Tobetsa setshwantsho se se fa godimo go bona puo e e bontshang go nonofa ga rona le go nna ba ntlha go tsaya kgato.

Re sutlhelela setsuatsue ka katlego

-TSHEDIMOSETSO

eish! e tlhagisiwa le go gatisiwa ka Seesimane, Setswana le ka Seaforikanse ke Lefapha la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo la YBB.

Setlhopha sa botseleganyi: Badiri ba Lefapha la YBB la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo

Mokgabiso le boalo: Karen Viljoen

Go tsaya dinepe: Badiri-ka-rona ba YBB le batlamela ka ditirelo ba rona

Fa o na le dipotso go ya pele/fa o batla go kwala sengwe: Nelia Engelbrecht - mogala 018 299 4937, nelia.engelbrecht@nwu.ac.za