Se se tlang mo mogopolong fa o kopana le motlabosheng kwa Legorong la Disaense tsa Tlhago le Temothuo ke gore go a bo go se sepe se a akanyang ka sone fa e se patlisiso

Bošeng jaana, Mop Don Kurtz o ne a tsaya marapo go nna moporofesa yo o tlhomologileng gore a dire le Mop Thebe Medupe kwa lefelong la Bolepadinaledi la Yunibesiti kwa Mahikeng.

 

Mop Don, jaaka fa a itsiwe jalo, ke moribolodi wa setlhopha sa dinaledi tse di jesang kgakge, tse di ngokang tse go seng dipe tse di tshwanang le tsone. Gape ke mokwadi-mmogo wa bukathuto e e botlhokwa ya ditsebe di le 866, e e bidiwang Asteroseismology, mme se a se kgatlhegelang thata mo patlisisong eno se fitlhelwa mo dikarolong tse di farologaneng tsa serutwa seno.

 

Bošeng jaana Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Patlisiso wa Aforikaborwa o ne wa mo naya awate ya maemo a A1, e leng kabelokhuno ya one e kgolo go di feta tsotlhe. Seno ke bosupi jwa ka fa a ratang patlisiso eno thata ka gone ya boditšhabatšhaba ka dinaledi le phitlhelelo ya gagwe.

 

Le fa go nna moporofesa yo o tlhomologileng e le tlotla ka bogone, Mop Don, ga a na maikaelo ape gotlhelele a go nna moeteledipele mme o iketleeleditse go dira le baithuti, badiri le maloko a setšhaba.

 

Fa gare ga molelo le aese

 

O ne a bontsha seno mo tlhatlhelelong ya gagwe ya ntlha ya botlhe mo kgweding e e fetileng, ya setlhogo se se reng: “Fa gare ga Molelo le Aese: Lefelo le le Kgethegileng la Lefatshe”. Tobetsa fano go bogela bidio ya tlhatlhelelo eno.

 

Mop Don o ne a tlotla la ba ba neng ba le teng ka thulaganyo e e kgatlhang thata ya dinaledi; a tlhalosa dikarolo tsa Lefatshe, Ngwedi, Letsatsi le dipolanete tse di farologaneng; e leng selo se se kgonang go dirwa fela ke kgeleke e e jaaka ene ka serutwa se se raraaneng go feta selekanyo.

 

A re boikaelelo jwa tlhatlhelelo ya gagwe ya botlhe e ne e le go tlosa batho bodutu, go ba ruta le go ba rotloetsa le go ba bontsha sengwe se se ntšha ka saense e e kgatlhang eno.

 

Mop Don o tswa kgakala la Khamphase ya Mahikeng, ka gonne o kile a etela fano ka 2002. Jaanong o nna kwa Port Alfred kwa Kapa Botlhaba mme o etela gangwe le gape kwa United Kingdom.

 

o re bolelela ka fa a ratang patlisiso thata ka gone

MORIBOLODI WA DINALEDI

Mop Don,

 

“Go tlhomiwa ga moakatemi wa go tshwana le ene go bontsha boikemisetso jwa YBB jwa tiro ya maemo a a kwa godimo.”

- Mop Marilyn Setlalentoa ke Mothusa Motlatsa-Mokanseliri yo o ikarabelang ka go nna le seabe mo baaging le ka ditiro tsa Khamphase ya Mahikeng.

 

Popae ya YBB, Eagie, e naya Mop Don Kurtz mpho ya go mo amogela, mo Lefelong la Thelesekoupo la Bolepadinaledi kwa Mahikeng.

Mop Don Kurtz o lebile kwa loaping ka thelesekoupo ya Bolepadinaledi kwa Mahikeng.