BACKCHAT

YBB ga e bolo go nna motlotlo ka ditlhamosešwa tsa yone tse di tlhomologileng tsa maemo a a kwa godimo. Nngwe ya ditlhamosešwa tseo le karolofefo ya khomphiutha ya Backchat e e tlhametsweng go tshwaya diteko le dikabelotiro ka go naya moithuti pegelokarabo ka tlhamalalo.

Mesola ya go romela pegelokarabo ka lentswe le le gatisitsweng

 

Patlisiso e bontshitse gore tse di latelang fano ke mesola e mentsi ya go romela pegelokarabo ka lentswe le le gatisitsweng:

 

Sentlentle e dira jang?

 

Go bona dintlha-kakaretso tsa ka fa Backchat e dirang ka gone, o ka leba bidio e e latelang:

DIRAGATSA

TLHAMA

LAISA

Backchat e tlhomologile ka gonne e letla batlhatlheledi go rekota lentswe le go romela pegelokarabo ka lone kwa baithuting ba bantsi. Moithuti mongwe le mongwe o rekotetswe lentswe la gagwe go mo naya pegelokarabo ka lone. Gape batlhatlheledi ba ka kgona go tsenya ditshwaelo tse di rekotilweng go sa le gale go bua ka diphoso tse gantsi di dirwang thata.

 

E dirilwe ke Ngaka Henk Louw, motlhatlheledi-mogolo wa Puisokwalo ya Akatemi, le Juan Steyn, yo o neng a tshegetsa Legoro la Dithuto tsa Mekgwa ya Batho ka tsa IT ka nako ya fa Backchat e ne e tlhamiwa. Henry Foulds,  motlhatlheledi wa pele wa YBB, o ne a dira le bone jaaka moporokeramo wa karolofefo eno ya khomphiutha fa Juan a sena go sikara maikarabelo a mangwe a tiro.

 

“Mosola o mogolo wa go dirisa molaetsa o o rekotetsweng ruri ke gore ke tsela e e sa jeng nako ya go dira dikarabo tse di siameng le ditlhaloso tse di ka dirisiwang gangwe le gape,” Henk o bolela jalo.

 

Kwa e simolotseng teng

 

Kgopolo ya go tlhama Backchat e tlile fa Henk a sena go tlhalosa ka fa go sa kgone go naya baithuti pegelokarabo malebana le dipolelo tsa bone tse di sa tlhamalalang sentle le tse di nang le diphoso.

 

 “Ke ne ke bolelela Juan gore go ne go ka nna monate fa motho a ne a ka kgona go rekota lentswe. Patlisiso e bontshitse gangwe le gape mosola o mogolo wa pegelokarabo e e dirwang ka lentswe mo godimo ga mokgwa wa ka gale o o tlwaelegileng wa go ba naya pegelokarabo jaaka go ba kwalela dintlha mo pampiring, gareng ga tse dingwe.

 

Fa a bua go ya ka maitemogelo a a nang le one jaaka motlhatlheledi wa nako e e fetileng, Henry a re mosola o mogolo wa Backchat ke gore e thusa motho go romela pegelokarabo botoka segolobogolo ka nako ya dikabelotiro tse di raraaneng tsa go porokerama khomphiutha.

 

Go bua fa go bapisiwa le go kwala

 

Mo nakong ya go dira jalo, go a kgonega go naya baithuti ditshwaelo tse dintsinyana fa batlhatlheledi ba bua go na le fa ba kwala, Henk o bolela jalo. “Motho o kgona go bua mafoko a le 180 go ya go a le 250 ka motsotso (wpm) fa seno se bapisiwa le go kwala kgotsa go tlanya mafoko a le 50 ka motsotso. Gape o ka nna wa tswelela go bua ka boleelenyana, fa go kwala kgotsa go tlanya go lapisa ka bonako.

 

“Ka tlwaelo, fa o batla go romelela baithuti ba gago pegelokarabo ka lentswe le le gatisitsweng, o tshwanetse go dirisa polatefomo nngwe ya mo inthaneteng ya go ithuta o bo o romelela mongwe le mongwe wa bone lentswe le a le rekotetsweng, kgotsa o ne o ka gatisa lentswe o dirisa porokeramo e e sa direlwang go romela pegelokarabo, mme e le ya modumo fela.

 

Henk a re Backchat e motlhofo go dirisiwa mme gape o ka e dirisa o se mo kgokaganong e bile o ka kopanya mafoko a a neng a setse a rekotilwe go bua ka diphoso tseo tse di boaboelediwang gangwe le gape.  Gape modirisi a ka nna a dirisa lenaanethalo la go tshwaya, go fokotsa bontsi jwa tiro ya tsamaiso.

 

Backchat e mo tokololong ya yone ya botlhano mme Henk a re ba tsentse ditiro di le dintsi mo karolofefong eno ya khomphiutha.

 

Di akaretsa tiro ya go balelela teko le dimmaraka tsa teko, mmogo le tiro ya dipalo e e nayang motlhatlheledi dipalo ka diphoso tsa ka kakaretso tse di dirwang ke baithuti mo tekong kgotsa mo kabelotirong e e rileng.

 

Henk le Henry gape ba tshwara dikokoano-thutano ka metlha tsa gore Backchat e dirisiwa jang ka botlalo. Go bona tshedimosetso go ya pele ka dilo tseno, ikgolaganye le Senthara ya Go Ruta le Go Ithuta ya YBB.

 

Tokololo ya bošeng jaana ka karolofefo ya khomphiutha ya Backchat e e leng teng go ka dirisiwa ke badiri le ke baithuti ba YBB e ka kopiwa kwa atereseng ya backchat.nwu@gmail.com.

Tobetsa mo sekhutlong se sengwe le se sengwe go buisa go feta

(Tobetsa mo metsung go buisa go feta)

ke mokgwa wa go romela pegelokarabo motlhofo

  • Go tlhaloso ka modumo o o utlwalang sentle le modumo wa lentswe

    Pegelokarabo ya gago e ka nna ya nna e o tlhalosang dilo ka mo go kgethegileng le ka tsela e e tseneletseng, fa go bapisiwa le go kwala ntlhanyana e e reng “ga go utlwale” kgotsa “ga go tlhaloganyesege sentle”.

  • O utlwa go buiwa le wena

    lentswe le le gatisitsweng le mo go lone motho a utlwang lentswe le a le tlwaetseng le dira gore o utlwe e kete go buiwa le wena mo boemong jwa go bala enke mo pampiring.

  • E tlhomologile

    go motlhofo go tlhama pegelokarabo e e tlhomologileng fa motho a sa tsenngwa ka dikgoro tsotlhe ke go dirisa molawana wa go tshwaya kgotsa ke sebaka se a nang le sone mo tsebeng.

  • E mosola thata

    Pegelokarabo e e dirwang ka lentswe le le gatisitsweng e lejwa e le mosola thata, gantsi e rotloetsa baithuti gore ba boeletse tiro ya bone le go tsaya karolo thata mo teng ga phaposiborutelo.