DIKAGO TSA YBB

Ngwaga o o fetileng o ne o gwetlha tota ka ntlha ya leroborobo la Covid-19, mme YBB e itisitse kgatlhanong le boammaaruri jwa polelo e e reng “fa o palelwa ke go rulaganya, o rulaganyetsa go palelwa”.

 

Fa re leba kwa pele kwa isagweng, yunibesiti e tsweletse pele ka lenaneo la yone la go aga. Go tlhatlogile dikago di le mmalwa tse di goletseng kwa godimo mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo kwa Mahikeng, Potchefstroom le kwa Vanderbijlpark.

di tlhatloga gongwe le gongwe mo gare ga Covid-19

Go tokafatsa mafelo a rona a metshameko

 

Diporojeke tsa Kago mo Khamphase ya Potchefstroom di fopholediwa go ditshenyegelo tsa bokana ka R324,7 milione.

 

Nngwe ya diporojeke ke Kago K2 e e sa tswang go tlhabololwa bosheng le go agiwa bosha, eo e tla nnang bodirelo jwa Setheo sa Go Dira ka Natla le diyuniti tse dingwe tsa patlisiso le tsa thuto tse di jaaka Senthara ya Pholo le Go Dira ga Batho le Setheo sa Thuto ya Tsamaiso ya Methapo ya Mmele.

 

Tobetsa fano go buisa ka porojeke e e kgatlhang eno ya kago e e tla dirang gore YBB e tlhomologe le go feta jaaka lengwe la mafelo a metshameko mo nageng ya rona leo bontsi bo batlang go ya kwa go lone.

 

Dintlha-kakaretso

 

Ka kakaretso, go na le diporojeke di le 92 tse di leng mo kgatong ya go dira dipatlisiso ka tsone, tse di rulaganyediwang, tsa go reka le go aga mo dikhamphaseng; madi otlhe a fopholediwa go fitlha go R1,515 bilione.

 

Gape go na le diporojeke tse dinnye tsa tlhabololo tse boikaelelo jwa tsone e leng go tlhomamisa gore maemo ke a a siametseng gore go ka dirwa ka fa tlase ga one a a kgontshang gore go baakanngwe diphoso tsa nako e e fetileng le go abela botlhe ditsompelo ka go lekalekana tumalanong le maikano a YBB. Di akaretsa go tsenngwa ga motlakase o o tla tshubang fa go nna le kgaogo ya motlakase le difetlha mowa, gareng ga tse dingwe.

 

Ka Porokeramo ya rona ya botsamaisi ya mo tirong, e leng porojeke ya dikarolo tse tharo, gape YBB e leka ka natla go dira gore ditiro tsa yone di nne le matswela, di somarele madi, di kopanye diporokeramo di le dintsi le go netefatsa gore didirisiwa di dirisiwa sentle nako yotlhe ya fa di santse di dira sentle.

  • Tobetsa mo ditshwantshong go buisa go feta ka porojekeng e nngwe le e nngwe.

  •  

    Porojeke ya go aga dikago tsa bonno e kgolo go di feta tsotlhe

     

    Porojeke e kgolo go di gaisa tsotlhe ya lobaka lo lo leele ke porojeke ya go tlamela ka bonno jo bo nang le malao a le 1 782 kwa Mahikeng mme go rebolwa ga setsha mmogo le go se tlhalosa go ne ga dirwa mo mafelong a ngwaga o o fetileng.

     

    “Ke porojeke e kgolo go di gaisa mo hisitoring ya yunibesiti, ka jalo re tla tlhomamisa gore re ngaparela thulaganyo ya rona le go rolela porojeke eno go beng ba yone ka nako,” go bolela jalo mmenejara wa dikonteraka tsa YBB le moemedimogolo, e leng Ritha Kooij-Kok.

     

    Kwantle ga porojeke eno, kago e ntšha ya Ditirelo tsa Tshireletso mo go yone khamphase eno e tloga e wediwa le go rolelwa go beng ba yone mo kotareng ya bobedi. Mo godimo ga moo, go agiwa ga kago e ntšha ya Pholo ya Tlhaloganyo, e Sekolo sa Booki se okediwang ka yone, le yone e tsweletse pele sentle.

  •  

    Maano a di VIP kwa mabaleng a metshameko le one a kgatlha thata.

  •  

    Se se kgatlhang thata ke go aga

     

    Go sa ntse go ntse jalo, se se kgatlhang thata ke go aga jaaka fa Kago ya Tsamaiso ya Vanderbijlpark e ntšha e le gaufi le go wediwa. E rulaganyeditswe go wediwa ka Motsheganong mme go lebeletswe gore badiri ba fudugele mo go yone mo bogautshwaneng.

     

    Kago eno e tla nna le dikantoro tsa badiri, le kantoro ya mothusa motlatsa-mokanseliri, Dikamano tsa Kgwebo le Go Maketa, Ditšhelete, Tsamaiso ya Botshelo jwa Baithuti jwa Akatemi le Lefapha la Tsa Badiri.

     

    Gape e tla nna le sebaka sa go tshwarela ditiragalo le phaposi ya khonferense ya manno a le 50 gore go nne le kgono ya go tshwarela dikopano mo go yone. Dintlhakgolo tsa polane eno ya kago di tla akaretsa ditora tse di lebileng kwa botsenong, ditepisi tsa fa go runtse molelo le mathudi a mantle a a nang le ditshwantsho tse di takilweng tsa go amogela baithuti, baeng le badiri.

     

    Bošeng jaana Mothusa Motlatsa-Mokanseliri wa YBB ya Vanderbijlpark, e leng Mop Linda Du Plessis, o ne a tla go leba setsha se go tla agiwang mo go sone a bo a re o itumelela thata kgatelopele e a boneng dirilwe.

     

    Leroborobo la Covid-19 le go na ga pula e ntsi e e sa tlwaelegang go amile nako ya ntlha e e neng e tlhometswe go rolelwa ga kago eno go beng ba yone mme dikonteraka di dirile bontle tota go fetola maemo gore ba kgone go dira ka fa tlase ga maemo a a lerilweng ke leroborobo,” o bolela jalo.

     

    Peter Matthews, e leng mogokgo le modiradipolano wa setlamo sa Mathews and Associates, a re ba ntse ba dira ka natla go kgatlhanyetsa nako e e ba latlhegetseng le go fokotsa diphelelo tse di seng monate tsa ditiego tse di bakilweng ke totlelelo.

     

    “Kakaretso, go setse go weditswe 60% ya porojeke e bile re itumelela kgatelopele e e dirilweng. Go agiwa ga dipota tsa ka fa teng le go tsenngwa ga motlakase le metsi mo boalong jwa ntlha le jwa bobedi go tsweletse pele sentle. Boemo mo teng ga kago bo sireletsegile e bile bo dirilwe ka mokgwa wa segompieno wa dipolane tsa kago,” o bolela jalo. Go tswa kwa tseleng, kago eno e tlile go lebega jaaka ya maemo a a kwa godimo ya yunibesiti.