Baithuti ba pele ga kalogo ba tlile go gakgamala tota fa ba etela lefelo le le ntšha la go ruta le go ithuta le ba le diretsweng mo laeboraring ya Khamphase ya Mahikeng.

Bošeng jaana Tirelo ya Laeborari le Tshedimosetso (Library and Information Service [LIS]) e ne ya senola mafelo a mantšha a go ruta le go ithuta a baithuti ba pele ga kalogo, a a nang le dilo tsotlhe go simolola ka dipolaka tsa motlakase, a go tšhatšha didirisiwa tsa mmobaele go fitlha ka mafelonyana a poraefete a go ithuta le badiri ba laeborari ba ba iketleeleditseng go thusa.

 

Mafelo a go ithuta a akaretsa a a tlhabolotsweng bosheng a a dirisiwang diura di le 24 mme a mo lefelong le pele e neng e le la dibuka tsa semolao pele lone le fudugela kwa boalong jwa ntlha.

 

Louise Vos, mmenejara-mogolo wa letsholo, diporojeke le boleng, a re badiri ba LIS ba nnile le tšhono ya go tlhabolola dipolane tsa kago, go tlhomamisa gore kago eno e na le dilo tse di tlhokwang ke baithuti ba pele ga kalogo tsa go ruta le go ithuta.

 

Mafelo otlhe a na le Wi-Fi e bile a kgona go dirisiwa ka botlalo ke ba ba nang le bogole. “Leno e tlile go nna lefelo le le nang le kgokagano go a gaisa otlhe mo khamphaseng,” o oketsa jalo.

Boikaelelo jwa mafelo ano a mantšha

 

Tiyani Mabunda, mokaedi wa thuso ka madi a go ithuta, a re mafelo a mantšha a go ruta le go ithuta a mo dikagong tse di farologaneng.

 

Tobetsa ditalama go buisa go feta.

Ditafole tsa dikhomphiutha

 

Ditafole di le 119 tsa dikhomphiutha di tsentswe dipolaka di le 2/3 tse di ka dirisiwang ke baithuti le go tšhatšha didirisiwa tsa bone tsa mmobaele.

 

Ditafole tse dikgolo tsa dikhomphiutha di na le galase e e sa bonaletseng gore motho a se ka a bonwa ke ba bangwe, mme seno se dira gore a kgone go tlhoma mogopolo, a se ka a iteega tsebe le go dirisa sebaka seo nakwana jaaka “sa gagwe”. “Baithuti ba le bantsi ba na le boikutlo jwa go batla go nna ba golagane fa ba ntse ba dira ba le bosi” mo lefelong le le bulegileng,” go bolela jalo Tiyani.

 

Dikhomphiutha tsotlhe di tla tsenngwa diporokeramo tsa karolofefo ya khomphiutha e e tlhokegang mo go tsone go tshegetsa baithuti mo maitekong a bone a go ruta le go ithuta. Gape go ne ga akanyediwa difenitšhara, gore go nne le ditulo tsa khomphiutha tse di dirisegang botlhofo gore di ba thuse go nna sentle ka tshwanelo.

 

“Dikhomphiutha di tla golaganngwa le diporintara mo mafelong a go ithuta, a mo go one go tla tlamelang ka tshegetso ya tsa setegeniki,” o oketsa jalo.

LAEBORARI

Mop Marilyn Setlalentoa, mothusa motlatsa-mokanseliri wa go nna le seabe mo baaging le wa ditiro tsa Khamphase ya Mahikeng, o kgaola lelente go bipolola mafelo a go ithuta a baithuti ba pele ga kalogo fa popae ya YBB, Eagi, e bogetse.

e na le sebaka sa maemo a a kwa godimo go dirisiwa ke baithuti ba pele ga kalogo