Tlhamo ya ga Kabelo e e fentseng e tlhotlheleditswe ke kgang ya go tlhomolola dipharologano tsa setso tsa Aforikaborwa ka puo le ka bomorafe.

Kabelo Diphoko, moithuti yo o tlhamang ditshwantsho ka khomphiutha wa Khamphase ya Potchefstroom, o ikgapetse moputso wa ntlha mo kgaisanong ya 2020 Wild Bean Café Design a Cup.

 

Kgaisano eno e ne ya simolola ka letsholo la boratanaga mo ngwageng o o fetileng, fa moetleetsi – BP, eo leinakgwebo la Wild Bean Café e leng la yone – a ne a nna seoposengwe le MetroFM mme a kopa batho gore ba lotlege dikgang tsa bone ka Mzansi. Ba ne ba kopa gore go lotlegwe dikgang tse di monate tse di tlhomololang ka fa Mzansi e leng molemo ka gone.

 

Dikgang tseno di ne tsa romelwa ka dipolatefomo tse di farologaneng tsa mmedia wa botsalano mme dikgang di le tlhano tse di neng tsa fenya di ne tsa romelwa kwa ditheong. Di le 15 tsa tlhamo – go akaretsa le YBB – di na le kopo e e yang go baithuti gore ba tshwantshe kgang e ba e ratang go di feta mo koping ya kofi ya Wild Bean Café.

 

E tlhotlheleditswe ke kgang

 

Talente ya ga Kabelo e itlhagisa fano: tlhamo eno, e e tlhotlheleditsweng ke kgang e e neng ya tlhomolola dipharologano tsa setso tsa Aforikaborwa ka puo le bomorafe, e dirile gore a ikgapele moputso wa ntlha mo karolong ya go tlhama ya kgaisano eno.

 

“Ke ile ka dira tlhamo eno ka gonne e ne e bonatsa mowa wa Aforikaborwa, e leng dipharologano tsa lotso le ubuntu le Aforikaborwa yo o mebalabala e e galotseng,” o ne a bolela jalo.

 

Lebaka le legolo la go bo a tsenetse kgaisano eno ke gore tota o ne a batla go gapa moputso wa ntlha, o o neng o akaretsa moputso wa kheše wa go duelela dithuto tsa dingwaga tse pedi tse di setseng tsa dithuto.

 

“Moputso wa bobedi le wa boraro e ne e le wa dilepothopo mme, jaaka moithuti wa ditshwantsho tse di tlhamiwang ka khomphiutha, lepothopo e e bonako e dira gore re dire tiro e e duleng diatla ka bonako, mme ke ne ke gabile go gapa moputso-mogolo.”

 

Bokgoni jwa go tlhama bo mosola

 

Go na le seane se se reng, “Fa o e bona mo mogopolong, go raya gore o e tshwere", mme go nnile jalo ka tsenelokgaisano ya ga Kabelo ka gonne o ne a bona mosola wa tiro yotlhe ya gagwe ya bonatla le mekgele e a neng a ipeetse yone fa a ne a tswa a gapile moputso wa ntlha o o neng o melediwa mathe. O gapile moputso wa kheše wa R100 000 wa go duelela dithuto tsa gagwe le go duelelwa go ya go nwa kofi le molekane wa gagwe kwa Tanzania.

 

“Ke itumeletse phenyo eno fela thata, e bile ke ya ke ntse ke e tlwaela letsatsi le letsatsi gore ke fentse, ga ke na mafoko a go tlhalosa boitumelo jwa me,” Kabelo o bolela jalo.

 

Ga jaanong jaana o tshwaragane le go ithutela go tlhama ditshwantsho ka khomphiutha mme o solofetse go ithutela gape le tse di dirwang ka mmediantsi, e leng karolo e nngwe ya go tlhama ditshwantsho ka khomphiutha. Boikaelelo jwa gagwe ke go nna le khampani ya mmediantsi mo isagweng mme o ipona a le mo tirong ya bokgoni jwa go tlhama.

 

“Kgalalelo yotlhe e ya go Modimo ka gonne o nneile lesego la gore ke fenye le go fitlha mo ke leng teng gompieno.”

 

Gape Kabelo o leboga lelapa la gaabo go bo le mo tshegetsa ka metlha gore a ntshe ga tshwene, mmogo le batlhatlheledi ba gagwe kwa Sekolong sa Dithuto tsa Tlhaeletsano ka ntlha ya go bo ba mo kaela mo tseleng e e tshwanetseng le go mo tlhaba botlhale.

 

“Gape ke batla go leboga BP go bo e neile rona batlhami ba ditshwantsho tšhono go bontsha bokgoni jwa rona le dikgono, segolobogolo mo lobakeng lono lwa totlelelo.”

 

Seno se bontsha gore sengwe le sengwe se a kgonega fa o dira ka natla le go kgotlhelela.

Kabelo o ne a ikgapela moputso wa ntlha mo karolong ya kgaisano ya Design a Cup – mausausa a moputso wa kheše wa R100 000 a go duelela dithuto tsa gagwe le go duelelwa go ya go nwa kofi le molekane wa gagwe kwa Tanzania.

Supa mo setshwantshong go buisa go feta

o phophoma ka boitumelo morago ga phenyo ya tlhamo ya ditshwantsho

KABELO