Ke rona ba

 

 

Ka nako ya totlelelo, lefapha la diatshe la YBB le ne la tlhagisa metseletsele ya dibidio go keteka diatshe le go bontsha talente e e ithutetsweng mo gae e e di gaisitseng tsotlhe. Karolo eno ya boraro, e e tshwerweng ke Charonike Nel wa PUKfm 93.6, e tlhagisa seopedi e leng Ella Codison.

 

Ella, moithuti wa mmino yo gape e leng seopedi, wa Sekolo sa Mmino sa YBB, bošeng jaana o ne a kgatlha baatlhodi ba SA Idols fela thata, mme a ikgapela tekete ya Gauta e e mo gorositseng kwa bekeng ya go Opela mo Bobogelong. Gape ke leloko la setlhopha sa mmino sa YBB PUK le la setlhopha se a se itiretseng.

Go keteka talente e e ithutetsweng mo gae

Kgatlhwa ke moithuti wa mmino Ella Codison ka lentswe le le monate, le le opelang dipina tse di jaaka “Tennessee Whiskey”, “Engel” le “Goodbye Yellow Brick Road” mo leseding le le kgolokwe mo seraleng.

-TSHEDIMOSETSO

eish! e tlhagisiwa le go gatisiwa ka Seesimane, Setswana le ka Seaforikanse ke Lefapha la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo la YBB.

Setlhopha sa botseleganyi: Badiri ba Lefapha la YBB la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo

Mokgabiso le boalo: Karen Viljoen

Go tsaya dinepe: Badiri-ka-rona ba YBB le batlamela ka ditirelo ba rona

Fa o na le dipotso go ya pele/fa o batla go kwala sengwe: Nelia Engelbrecht - mogala 018 299 4937

Lebokoso la mo teng ga setheo la 260