Go ralala dingwaga, Mop Franci Greyling o dirisitse mafoko go go bopa ditshwantsho mo mogopolong ao bana ba a buisang thata, ba nnang le maitemogelo a a sa tlwaelegang le go ribolola bokgoni jwa bone jwa go tlhama. Gape Franci yo o kwadileng dibuka di le 12, o tlhamile kgopolo ya Storiewerf, e leng webosaete ya Seaforikanse e e rotloetsang padi ya bana le ya basha le talente ya bana ya go kwala. Franci o simolotse go rata go buisa dibuka a sa le monnye thata. O dumela gore go buisa go ribolotse bokgoni jwa gagwe mme ga dira gore a nne mokwadi mo isagweng.

“Fa o buisa thata, o tla itse go le gontsi. Fa o ithuta thata, o tla ya mafelong a mantsi.” - Dr Seuss

 

Theodor Seuss "Ted" Geisel e ne e le mokwadi wa Moamerika wa dibuka tsa bana, motlhami wa dipopae tsa sepolotiki, motshwantshi, mmoki, motsenya-dipopae botshelo, mokwadi wa difilimi le modiri wa difilimi. Dingwe tsa dibuka tsa gagwe tse di rategang thata tsa bana tse gape di neng tsa tshamekwa jaaka difilimi tsa dipopae le go tsenngwa mo mananeo a TV, e ne e le The Cat in the Hat le How the Grinch Stole Christmas. Motswedi wa tshedimosetso: Wikipedia

Dibuka di mosola, di na le boleng, di a ruta e bile di dira jaaka kaelo. Ke gone ka moo, go ya ka Moporofesa Franci Greyling, yo e leng motlhatlheledi wa bokgoni jwa go kwala, bana ba tshwanetseng go rotloediwa go ina megopolo ya bone mo dibukeng. Mme ba tshwanetse go kwala. Kgato ya ntlha e isa kwa go e e latelang.

 

“Go buisa buka go batla mofuta o o farologaneng wa go tlhoma mogopolo go farologana le o bana ba o tlwaetseng  mo lefatsheng leno la dijethale.

 

Kgwetlho ke go dira gore bana ba buise kwantle ga go kgoromediwa. Re tshwanetse go gakologelwa gore bana ba rata dilo tse di sa tshwaneng, ka jalo go tshwanetse ga nna le dibuka tse di farologaneng tse ba ka di buisang.

“Gape batsadi ba na le seabe se segolo sa go dira gore bana ba bone ba buise. Ka go itlwaetsa ga bone go buisa le bana ba bone mo tikologong e e siametseng go dira jalo, go buisa ga bone go fetoga tlwaelo. E nna karolo ya botshelo jwa bone,” Franci a rialo.

 

Go buisetsa diphologotswana tsa mo gae

 

Gape o umaka patlisiso e e bontshitseng mesola ya go rotloetsa bana go buisa ka go buisetsa ga bone diphologotswana tsa mo gae. Fa motheo ono – go rata dibuka le go buisa – o sena go theiwa, ba kgona go bontsha se ba leng sone.

 

“Fa o leba ka fa go leng motlhofo ka gone go tsena mo inthaneteng, re direlwa sengwe le sengwe. Sa rona fela ke go dirisa dilo, e seng go di tlhama. Go botlhokwa gore re dirise bokgoni jwa rona jwa go tlhama dilo. Go na le thotloetso e e seng kana ka sepe ya go dira jalo, mme go na le sengwe se se kgethegileng ka ga kgono ya go ribolola sengwe ka bowena. Go tlhama ke tsela e ntšha ya go itlhalosa,” Franci o bolela jalo.

 

Tsela eo ke ya go kwala.

 

“Ke akanya gore se bana ba patelediwang go se kwala kwa sekolong ga se maleba mo go bone. Ba tshwanetse go kwala ka dilo tse di leng maleba mo go bone. Ba kwala ba dirisa mafoko fela, mme ba tshela mo lefatsheng la didirisiwa tse dintsi tse di farologaneng. Fa ba kwala ba dirisa ditshwantsho, ba tla kgona go lemoga lebaka la go bo go kwala go le maleba.”

 

Ga se moo ge! Bana bano ba bulegelwa ke ditšhono di le dintsi tsa go fenyenkolola.

Go buisa ke go kwala

Fa motho a lapisega, o a bo a paletswe ke go leba dilo ka leitlho la mogopolo. Go leba dilo ka leitlho la mogopolo ga go na melelwane, e bile go tla nna go ntse go teng ka ntlha ya go buisa dibuka.