YBB e okeditse letsholo la yone la go “Oketsa Bokgoni jwa Gago” ka go lotlega dikgang tsa mmatota, tse di tshwanang le ya ga Joh, moithuti wa boenjenere wa ngwaga wa boraro, go rotloetsa baithuti, badiri le bana-le-seabe gore ba kgaratlhele go oketsa bokgoni jwa bone letsatsi le letsatsi.

 

Mankgemogolo wa leinakgwebo e leng Musa Zanempi o ne a bua le eish! Ka ga letsholo leno le gore boikaelelo jwa lone ke go fitlhelela eng.

 

P: O ka tlhalosa jang letsholo leno?

K: Fa baithuti ba rona ba amogela thutego go tswa kwa YBB, ga ba amogele dikirii fela, gape ba tswa ba na le maitemogelo mo botshelong a a ba kgontshang go tlhatlogela kwa mankalengkaleng go gaisa ba bangwe.

 

YBB e naya bana-le-seabe ba yone sebaka sa go sekaseka ditšhono tse di ka bulegang, go atolosa tsele e ba bonang dilo ka yone, go fetoga go sa tlhole e le baithuti mme go nna baithuti ba nako e e fetileng, le go tlhatlogela kwa mankalengkaleng. Ke ka ntlha ya mabaka ano rona jaaka setlhopha se se bopang leinakgwebo, re tlhophileng setlhogo se se reng “Oketsa Bokgoni jwa Gago” gore e nne sa 2020.

 

P: Lo batla go fitlhelela eng ka letsholo leno?

K: Boikaelelo jwa letsholo leno ke go ngoka pelo ya bababi ba rona le go buelela leinakgwebo la rona, mekgwa e mentle le bomangmang jwa rona, go lotlega dikgang tsa mmatota le maitemogelo a rona. Ka letsholo leno, boikaelelo jwa YBB ke go naya bana-le-seabe ba rona kitso, go golagana le bone le go ipaya mo maemong a bone.

 

P: Letsholo leno le ka bonwa mo dipolatefomong dife?

K: Letsholo leno le ka bonwa mo webosaeteng ya YBB, ditsebe tsa mmedia wa botsalano, Sediriso sa MyNWU, le diyalemowa tse di farologaneng le dipolatefomo tsa dijethale. Gape re solofela gore re tla bona letsholo leno mo dipolatefomong tsa mmedia wa dijethale wa bana-le-seabe botlhe.

 

P: Badiri ba ka tsenyeletsa letsholo leno jang mo matshelong a bone a letsatsi le letsatsi?

K: Re rotloetsa badirammogo go abelana melaetsa ya letsholo leno mo dipolatefomong tsa bone tsa mmedia wa botsalano ka gonne rotlhe re baemedi ba leinakgwebo la YBB.

 

* Leina le fetotswe. 

TSEPA

GO

*John, yo o tswang mo lelapeng le le dikobo di magetleng, o ne a rutwa gore thuto e isa kwa katlegong. O ne a itse gore go ithuta kwa go nngwe ya diyunibesiti tse di gaisang tse dingwe mo nageng, le go sa ipone tsapa mo tirong, go ne go tla mo thusa “go godisa bokgoni” jwa gagwe.

Musa Zanempi ke mankgemogolo wa leinakgwebo wa lefapha la go Maketa le go Ngoka Baithuti.

Tobetsa mo sekhutlong se sengwe le se sengwe go bona le go reetsa dipapatso tse di leng karolo ya letsholo le.

Re batla gore o tlhatlogele kwa mankalengkaleng go gaisa botlhe

SESOTHO

SEAFORIKANSE

SEESIMANE

SETSWANA