Mop Dan Kgwadi, motlatsa-mokanseliri le mogokgo.
Supa mo setshwantshong go buisa go feta.
YBB e itshupile e le setheo sa akatemi se se di gogang kwa pele ka tiro ya maemo a a kwa godimo. Seno se bontshiwa ke diphitlhelelo tsa yone tse di kwa godimo ka gale fa e newa maemo ke ditheo tse di farologaneng tsa boditšhabatšhaba.
Yunibesiti e tsweletse pele go tlhatlogela kwa mankalengkaleng fa e sena go thaya motheo o o siameng mo dingwageng tse di fetileng ka 2018 le 2019. Fa e sa le go simolola ka 2020, yunibesiti e ile ya tlhagelela mo manaaneng a ditheo tse di tlotlegang tsa go naya diyunibesiti maemo.
Maemo ano a akaretsa a e tlhomilweng mo go one ke setheo sa Go Naya Diyunibesiti tsa Lefatshe Lotlhe Maemo Tsa Akatemi ka Phukwi, ke Senthara ya Go Naya Diyunibesiti mo Lefatsheng Lotlhe Maemo (Centre for World University Rankings [CWUR]) ka Seetebosigo, le ke Kgatiso ya Times ya Go Naya Diyunibesiti tsa Lefatshe Lotlhe tsa Thutogodimo Maemo (Times Higher Education [THE]) le ke Diikonomi Tse di Santseng di Fatlhoga Tsa Go Naya Diyunibesiti Maemo ka Tlhakole. Gape e ne e le lekgetlo la ntlha YBB e tlhagelela mo Kgatisong ya THE ya Go Naya Diyunibesiti-Potlana Maemo. Gape re dirile sentle mo maemong a bošeng jaana a re neng re a newa ke THE a go dirilweng kitsiso ka one ka di 20 Lwetse.
Tobetsa bongwe le bongwe jwa boloko jo bo fa tlase go buisa go ya pele ka maemo mangwe le mangwe