Thuso

 

Lefapha la Batho le Setso le tlhaloganya botlhokwa jwa pholo ya tlhaloganyo mme le kopa badiri botlhe ba ba nang le matshwenyego a tlhaloganyo gore ba batle thuso.

 

Go ya ka Bonita Maboeta, mankgemogolo wa tsa boitekanelo, yunibesiti e na le lenaneo la Wellness ya YBB le e leng boikemisetso jwa yone jwa go tokafatsa pholo le botsogo jwa badiri. Ka lenaneo leno la thuso, badiri mmogo le ba malapa a bone  ba ka newa thuso ya mahala ya go newa kgakololo ka tsa ditšhelete le ka dilo tsa semolao mmogo le go kopana le mosidila-maikutlo ba lebane difatlhego le ene ka ntlha ya matshwenyego ape fela a tlhaloganyo.

Mankgemogolo wa tsa boitekanelo e leng Bonita Maboeta a re kwa tshimologong, ka nako ya totlelelo ya botlhano le ya bone, palo ya maloko a badiri ba ba neng ba dirisa lenaneo la go bona thuso e ne ya fokotsega, mme ka fa tlase ga maemo a totlelelo a boraro le a bobedi palo eo e kile ya gola thata mo gare ga badiri ba ba dirisang lenaneo leo.

 

“Batho ba le bantsi ba tlhoka ditirelo tsa go thobiwa maikutlo ka ntlha ya mathata a tlhaloganyo le mathata a dikamano tsa bone le ba bangwe,” o bolela jalo.

 

 

Tobetsa mo sedikong se sengwe le se sengwe go buisa go feta

Leroborobo ga le a ama fela ditiro tsa boitshediso tsa Maaforikaborwa a le diketekete, mme le amile le pholo ya bone ya maikutlo le ya tlhaloganyo.

 

Ka ntlha ya go bo ba le bantsi ba sa tlhomamiseng ka dilo dingwe tse di amanang le Covid-19, ba mekamekana le bothata jwa poifo, tlhobaelo, letsapa, go tlhorega boroko le go tshwenyega thata mo tlhaloganyong.

 

Pholo ya Tlhaloganyo e ama tsela e motho a akanyang ka yone, a ikutlwang le go itshwara ka yone, mme e ama le kgono ya go mekamekana le tshwenyego e e tseneletseng mo tlhaloganyong, go fenya dikgwetlho, go tsalana le ba bangwe kgotsa go tokafala ga dipoelo morago tsa botshelo le tsa mathata.

 

Re amega ka

jwa gago