Moithuti Rotenda Gavhi o gapile kgaisano ya Laeborari ya Bosetšhaba ya Aforikaborwa ya Mantswe a Baša.

o na le bokgoni jwa go dira ka mafoko – le ka dipalo

Bokgoni jo Rotenda Gavhi wa dingwaga di le 20 a nang le jone ka mafoko bo dirile gore a gape maemo a ntlha mo kgaisanong e e melediwang mathe ya maboko ya Laeborari ya Bosetšhaba ya Aforikaborwa ya Mantswe a Baša.

 

Kgaisano eno ya ngwaga le ngwaga ya baagi ba Maaforikaborwa ba ba fa gare ga dingwaga di le 18 le 35 e dirwa ka Kgwedi ya Baša. Fa baatlhodi le maloko a setšhaba a sena go bouta, Rotenda  o ne a itsisiwe jaaka mofenyi wa kgaisano ya 2020.

 

Moithuti yono wa ngwaga wa bobedi go tswa kwa Duvhuledza, motsana o monnye ka fa ntle ga Thohoyandou kwa Porofenseng ya Limpopo, o ikwadiseditse dikirii ya BCom ya bobalamatlotlo jwa ditšhelete.

 

Tshimologo ya go sa le gale

 

Go rata ga gagwe maboko go simolotse a le kwa sekolong sa poraemari. “Fa re ne re abelwa ditiro tsa bokgoni jwa go kwala, morutabana wa me o ne a tle a buisetse botlhe mo phaposiborutelong tiro ya me, e bile o ne a tle a re ke tlile go nna mokwadi wa maemo a a kwa godimo mo isagweng.

 

“Mafoko ao a ne a nthotloetsa fela thata mme ga ke ise ke a lebale.  E ne ya re fa ke ya sekolong se segolo, lorato lwa me lwa go kwala lwa gola le go feta mme ka simolola go dirisa dipolatefomo mo inthaneteng go phasalatsa tiro ya me ka tsone.”

 

Lorato lo logolo thata lwa go kwala le go thusa ba bangwe

 

Mo godimo ga go nna mokwadi le mmoki yo o nang le bokgoni, gape Rotenda ke moemedi wa Disaense Tsa Akatemi kwa New York. O ne a dira kopo ya go nna motlhabiwa-botlhale mme a amogelwa mo lenaneong la bone la tlhabo-botlhale, la Basetsana ba le 1000, Di isagwe di le 1000.

 

Boikaelelo jwa lenaanethuto leno la mo inthaneteng la Kgolagano ya Lefatshe Lotlhe ya Saense, Thekenoloji, Boenjenere le Mmetshe (Global Science, Technology, Engineering and Mathematics [STEM]), ke go tlhomelela basetsana ba le 1 000 ba dingwaga di le 13 go ya go 17 mo lefatsheng lotlhe.

 

“Fa ke sena go wetsa sekolo se segolo – se gape e neng e le bokhutlo jwa ngwaga wa me wa akatemi mo lenaanethutong leo – ke ne ka dira kopo ya go nna moemedi wa moithaopi.”

 

Gape ke mongwe wa bakaedi ba NPO e e bidiwang Be That Girl (Nna Mosetsana Yo), e leng mokgatlho o boikaelelo jwa one e leng go tlhomelela basetsana ka tsa thuto, tsa loago le tsa bomowa. “Boitlhomo-Bogolo jwa rona ke go tlhomamisa gore ngwana wa mosetsana o newa tsotlhe tsa a di tlhokang,” o bolela jalo.

 

Gape Rotenda ke modiri wa nakwana wa tlhamo ya ditshwantsho ka khomphiutha mme ka nako ya fa a sa dire sepe, o tlhama ditshwantsho ka khomphiutha go dira madi a letsholo la meikgatlho (sanitary towels) ya  Be That Girl.

 

Dithulaganyo tsa mo isagweng

 

Rotenda o dumela gore isagwe e mo tshwaretse masego a mantsi. O leka go ntsha bokgoni jotlhe jwa gagwe mo dithutong e bile o batla go tsenya letsogo go thusa thata mo setheong sa bobalamatlotlo. Gape o batla go lootsa bokgoni jwa gagwe jwa go kwala mme a tswelele pele go kwalwa maboko.

 

O oketsa ka gore ene ke molwela-tekatekano mo setšhabeng mme ka jalo o batla go tshwarega ka go tlhabolola bokgoni jwa baša “Ke batla go tswela naga eno mosola  – e seng gore e nne nna ke solegelwang molemo, mme e nne setšhaba. Kgalalelo yotlhe e ya kwa Modimong ka ntlha ya bogolo jwa gagwe go tla go fitlha fano.”

 

Go bonala sentle gore mekgele ya ga Rotenda le ditalente tsa gagwe ga di felele fano le gore mohumagatsana yono o tla fitlhelela dilo tse di seng kana ka sepe mo isagweng.

 

Rotenda a re o itumelela tshegetso e a e newang ke ba lelapa la gaabo le baagi ba Duvhuledza, ditsala tsa gagwe kwa kerekeng, lelapa la YBB, ditsala tsa gagwe tsa Facebook, ba metswedi ya dikgang le setlhopha kwa Be That Girl.