Ngaka Mala Singh ke mokaedikhuduthamaga wa porojeke ya Batho le Setso.

Porojeke eno e rotloetsa mowa wa

 GO AMEGA KA BA BANGWE

Boemo jo bo ka fa molemeng bo amana le ditiro tsa go amega ka ba bangwe – ke boemo jo gape e leng karolo e e botlhokwa ya Porojeke ya Setlamo ya Boitshwaro jo bo Siameng jwa Baagi (Organisational Citizenship Behaviour Project [OCBP]) e Batho le Setso gammogo le Bophelo jwa Moithuti e leng gaufi le go simololwa.

 

Porojeke eno e tla tshegetsa kgato ya bo bobedi ya Porojeke ya Setso sa YBB.

 

Palo ya badiri le baithuti ba ile ba tsaya karolo mo kgatong ya ntlha ya Porojeke ya Setso sa YBB mo ngwageng o o fetileng.

 

Kgato ya bobedi ya porojeke e ne e rulaganyeditswe ngwaga ono, mme ka ntlha ya dithibelo tsa ga jaanong tse di tlisitsweng ke leroborobo la Covidi-19, ditiro tsotlhe di ne tsa tshwanelwa ke go rulaganngwa boša.

 

Boikaelelo jwa porojeke eno ke go sekaseka go bona gore badiri le baithuti ba tlhaloganya jang le go itemogelang jang mekgwa e yunibesiti e dirang dilo ka yone mo botshelong jwa bone jwa letsatsi le letsatsi. Gape e tla rotloetsa badiri le baithuti go se ipone tsapa go thusa yunibesiti yotlhe.

 

E tlile go dira jang

 

Porojeke ya dibeke tse nne e tla simolola ka iketlo ka Lwetse, mme e tla ya ntse e gola fa nako e ntse e tsamaya.

 

Mo bekeng ya ntlha, badiri le baithuti ba tla amogela puisano go tswa go setlhopha se se kwa godimo sa botsamaisi ka ga se ba se lebeletseng mo go bone le ka ga go simololwa ga OCBP. Mo bekeng ya bobedi le ya boraro, badiri le baithuti ba tla bona tšhono ya bone ya go abelana maitemogelo a bone.

 

Fa go wediwa porojeke mo bekeng ya bo né, badiri le baithuti botlhe ba tla lalediwa go abelana maitemogelo a bone mme, ka tetla ya bone, dikgang tsa bone di tla tlotlwa mo dikanaleng tse di farologaneng tsa YBB.

 

Ditiro tse di nnye tse di kgothatsang

 

Ngaka Mala Singh, mokaedikhuduthamaga wa porojeke ya Batho le Setso, a re OCBP ga e a golagana ka tlhamalalo le ditiro kgotsa dithuto, mme e golagane ka tlhamalalo le mekgwa ya botshelo e yunibesiti e e rotloetsang e e leng mokgwa o e dirang dilo ka one.

 

Letsholo leno le rotloetsa mongwe le mongwe go dirisa melaometheo ya OCBP mo ditirong tsa bone tsa letsatsi le letsatsi, le go kopanya maiteko a botho ka namana le a setlhopha go dira gore yunibesiti e nne lefelo le le a gaisang otlhe la go ithuta le go dira.

 

Boikaelelo jwa porojeke eno ke go ruta batho mokgwa wa go amega ka ba bangwe, o o rotloetsang ditiro tse di nnye tse di tshwanang le go tima dipone fa o tswa mo kantorong, go itsise badiri ka wena gore ba tlogetse dipone tsa koloi di sa tingwa, go dirisa didirisiwa dingwe go feta gangwe, le go thusa baithuti ba ba tlhokang, ka sekai.

 

Go fitlhelela mekgele e metlhano

 

Mala a re yunibesiti e ikaeletse go fitlhelela mekgele e metlhano ka porojeke eno.

 

Boikaelelo jwa porojeke ke go tlhama molaetsa wa "go ikutlwa sentle” ("feel good") le go o tsweletsa pele o o amanang le yunibesiti le melaometheo ya yone ya ga jaanong jaana, go rotloetsa botlhe go itshwara ka tsela e e tsamaisanang le melaometheo ya YBB , le go sekaseka go bona gore badiri le baithuti ba tlhaloganya jang melaometheo e YBB e dirang dilo ka yone.

 

Gape boikaelelo jwa yone ke go amogela pegelokarabo ka maitemogelo ao badiri le baithuti ba nnang le one fa ba tshela ka melaometheo eno le go tsenyeletsa ditshwaelo tsa bone le tshedimosetso ya bone go tswa mo porojekeng eno go ya mo mokgweng wa bone wa botshelo jwa “To-Be” (Kgato 2 ya Porojeke ya Mokgwa wa YBB).

 

Badiri le baithuti ba rotloediwa go tsaya karolo mo porojekeng eno go thusa YBB go fitlhelela boikaelelo jwa yone jwa mokgwa wa botshelo wa "To Be”.

 

Thandi o tima dipone pele a notlela kantoro ya gagwe, ka gonne go somarela motlakase ga go solegele yunibesiti e le yosi fela mosola mo go ka sekoloto sa motlakase mme gape go solegela polanete yotlhe molemo.

 

O  tsena mo teng ga koloi kwa lefelong la go phaka dikoloi. O reetsa enjene e e sisibetseng ya koloi ya gagwe a itumetse. Fa Lucy a ka bo a sa mmolelela mo mosong ono gore o ne a tlogetse dipone tsa koloi di tshubile, a ka bo a ile a fitlhela koloi e sule.