Eric Swanepoel ke motlhankedi-mogolo wa direkoto kwa Lefapheng la Direkoto la YBB, la Bobolokelo-Tshedimosetso le la Musiamo.

eish! e ne ya botsa Eric Swanepoel, motlhankedi-mogolo wa direkoto wa Lefapha la Direkoto la YBB, la Bobolokelo-Tshedimosetso le la Musiamo, gore molao wa POPIA ke eng le gore o tla ama jang badiri, baithuti le bana-le-seabe ba bangwe kwa YBB.

 

P: ‘Dikgato’ tsa YBB ka tshwanelo ya go nna le tshedimosetso ya poraefete

K: Fa e le gore o kile wa utswediwa tshedimosetso ya gago ya boitshupo kgotsa fa tshedimosetso ya gago ya poraefete e kile ya dirisiwa kwa ntle ga tetla ya gago, o tla itumelela go itse gore Molao wa Tshireletso ya Tshedimosetso ya Poraefete (Protection of Personal Information Act [POPIA], o boikaelelo jwa one e leng go sireletsa maloko a setšhaba kgatlhanong le bokebekwa jono, o simolotse go dira ka botlalo bošeng jaana.

 

eish! e ne ya botsa Eric Swanepoel, motlhankedi-mogolo wa direkoto wa Lefapha la Direkoto la YBB, la Bobolokelo-Tshedimosetso le la Musiamo, gore molao wa POPIA ke eng le gore o tla ama jang badiri, baithuti le bana-le-seabe ba bangwe kwa YBB.

 

P: Molao wa POPIA ke eng?

K: Boikaelelo jwa molao ke go tlamela ka ditekanyetso-potlana tsa go tlhotlha  tshedimosetso ya poraefete. Boikaelelo jwa yone ke go sireletsa tshwanelo ya go nna le tshedimosetso ya poraefete ya baithuti ba YBB, badiri, batlamela-ka-ditirelo, le bana-le-seabe ba bangwe ba YBB.

 

P: Molao ono o simolotse leng go dira?

K: Molao ono o simolotse go dira go sekae ka 2014 mme karolo yotlhe e e setseng ya one e simolotse go dira ka botlalo ka di 1 Phukwi 2020.

 

YBB e tla dirisa dithulaganyo dife go tlhomamisa gore e ikobela molao ono?

Dikantoro di le mmalwa di tshwaragane le porojeke ya go tlhomamisa gore molao ono o tlile go ikobelwa. Ka nako ya porojeke eno, go tla dirwa dilo tse di latelang:

 

  • Go tla dirwa tshekatsheko ya maemo a a kwa godimo ya go bona gore dikotsi tse di amanang le tshedimosetso ya poraefete di ama jang tshedimosetso ya poraefete le gore di ka rarabololwa jang.
  • Go tla simololwa Pholisi ya Tshedimosetso ya Poraefete
  • Go tla tlhamiwa lenaneo le le kgonang go itsetsepela la POPIA ya YBB. Le tla akaretsa melao, dikaelo, ditsamaiso le mekgwatsamaiso e e amanang le go kokoanya, go boloka, go tlhotlha le go senya tshedimosetso ya poraefete ya bana-le-seabe botlhe.
  • Go tla tlhomiwa thulaganyo ya go tsibogela tiragalo eno mme setlhopha se se tsibogelang tiragalo eno se tla kaela tsamaiso ya go laola le go bega ditiragalo tseno jaaka go tlhalosiwa mo molaong.
  • Go tla tlhamiwa mananeo a katiso le a letsholotemoso mo gare ga maloko otlhe a badiri.

 

P: A go sa ikobele Molao ono go tla nna le ditlamorago?

K: Dikgwebo tse di sa ikobeleng POPIA di ka otlhaiwa ka tsela e e masisi. Molao o laela gore di duedisiwe dituedisokotlhao tse di fitlhang go R10 milione mme, mo maemong a a masisi thata, go isiwa kgolegelong dingwaga di le some. Ka jalo fa maloko a badiri a sa tlhomamisege ka dilo dingwe ka ga POPIA, ba ka batla thuso le kemonokeng ka go romela imeile go POPIA@nwu.ac.za

 

Badiri ba ka bona kae tshedimosetso go ya pele?

Re rotloetsa maloko a badiri go etela webosaete eno e mo go yone go tla tsenngwang tshedimosetso malebana le Molao ono ka metlha.

 

TSEPA GO

Fa e le gore o kile wa utswediwa tshedimosetso ya gago ya boitshupo kgotsa fa tshedimosetso ya gago ya poraefete e kile ya dirisiwa kwa ntle ga tetla ya gago, o tla itumelela go itse gore Molao wa Tshireletso ya Tshedimosetso ya Poraefete (Protection of Personal Information Act [POPIA], o boikaelelo jwa one e leng go sireletsa maloko a setšhaba kgatlhanong le bokebekwa jono, o simolotse go dira ka botlalo bošeng jaana.

ka tshwanelo ya go nna le tshedimosetso ya poraefete

‘DIKGATO’ TSA YBB