Motlhatlheledi e leng Constant van Graan o boa gape a bontsha ditalente tsa gagwe tse di farologaneng ka padi ya gagwe ya ntlha ya Jungu Josh: Die Goue Kalbas.

Moakatemi, seopedi mme jaanong e leng mokwadi wa dipadi ... Motlhatlheledi-mogolo wa bobalamatlotlo jwa diforensiki, e leng Constant van Graan, ke monna yo o tlileng ka sengwe se se ntšha mo YBB.

Tobetsa mo ditalameng tse di fa tlase go buisa go feta

Buka ya ntlha ya ga Constant, Jungu Josh: Die Goue Kalbas e ne ya phasaladiwa bošeng jaana (Die goue kalbas e raya sego sa gauta mme Jungu Josh yone e raya semelo). Ono ke mofuta wa buka e e buang ka dilo tse di jesang kgakge mme le fa e le buka ya bana, e tla ngoka le kgatlhego ya bagolo ba ba ratang go buisa dipadi tsa bogatlhamela-masisi le tsa lefatshe la ditoro.

 

Constant ke motho yo o itsegeng. Mo godimo ga go nna motshwari wa lenaneo la BUAtv, le e neng e le motseletsele wa dibidio ka ga ditiro tsa YBB, go opela ga gagwe pina e e neng ya di thopa tsotlhe ya ga Zahara ya "Loliwe” go ne ga dira gore a ikgapela moputso wa ntlha mo setlhopheng sa badiri ka nako ya Moletlo wa Ditalente wa Pukki ka 2017.

 

Go ikatisetsa badiri ba rona

 

Constant o ne a ithutela dithuto tsa bobalamatlotlo jwa diforensiki kwa YBB, morago ga moo a nna leloko la badiri ba yunibesiti ka 2014.

 

“Bobalamatlotlo jwa diforensiki ke porofešene e e kgethegileng – e batla dikgono tse di tseneletseng tsa go dira dipatlisiso, mme e go tlogela o na le tshono e ntsi ya go ntsha bokgoni jwa gago jwa go tlhama.  E batla gore motho a tlhotlhe tshedimosetso e e dirisiwang sewelo e e sa bontsheng gore mong wa yone ke mang le go dira dipatlisiso mo bathong ba ba farologaneng ka go buisana le bone ka tsela e e botsalano.

 

“Fela jaaka go ntse ka go tshwara lenaneo mo thelebišeneng, go opela le go kwala, tiro ya diforensiki – segolobogolo go dirisana le baithuti ba me, ba ba nthotloetsang – go nnile le mosola o montsi mo go nna.”

 

Koo kgang ya gagwe e simolotseng one

 

Constant yo o tswang kwa Kempton Park, a re o sa le a simolola go rata go kwala a santse a le monnye.

 

“Fela jaaka go ntse ka bakwadi ba bangwe ba bantsi, go simolotse fa ke ne ke kwala tlhamo kwa sekolong mme moragonyana, fa ke ya yunibesiting, ka simolola go kwala dikgannyeng,” o bolela jalo.

 

O ne a simolola go nna mokwadi fa dikgang tsa gagwe di sena go phasaladiwa ke Human & Rousseau.

 

Se se neng sa mo tlhotlheletsa go kwala buka ka nako ya malatsi a boikhutso ka 2014 e ne le fa a ne a lebile ba lelapa la gagwe ba nganga ka sengwe ba le mo tafoleng go jewa dijo tsa maitseboa.

 

“O ne a tsogelwa ke mogopolo a sa itse gore o tswa kae: go ne go tla diregang fa kgang eno e ne e le masisi go feta fano, mme batho bano e se ba lelapa la me, e le baanelwa  bao moeteledipele wa bone e leng mosadi yo o nang le bana ba ba nnang ba galefile ... mme moanelwamogolo yo mmotlana mo go botlhe a leka go gagamalela botshelo jo bo botoka.

 

Morago ga mo a kopanya kgopolo eno le ditshwantsho tsa Aforika le bagaka ba yone, mme fa a ntse a kopanya dikgopolo tseo, “a kgona go kwala kgaolo ya ntlha ... a letetswe ke kgwetlho ya go kwala kgaolo e e latelang.”

 

Go nna a faraferwe ke tiro

 

“Setlhopha sa me sa mmino sa Pelican State se sa tswa go golola di- CD tse pedi – e nngwe ya tsone ke setlhogo sa buka ya me, Jungu Josh,” o oketsa jalo.

 

Mo godimo ga go kwala le go opela ka nako ya fa a sa dire sepe, gape o rata metshameko e bile ke molatedi yo mogolo wa kolofo. “Sekgala se ke kgonang go iteela bolo ya kolofo kwa go sone se tlile go gakgamatsa ba bantsi (ka ntlha ya mabaka a mantsi a e seng one) mme go na le sengwe se se kgethegileng malebana le go ema nokeng batshameki ba Maaforikaborwa mo kgaisanong ya PGA ka nako ya mahube a naka tsa kgomo.”

 

Fa a sa opele, a sa kwale kgotsa a sa lebelela kolofo, o a bo a tlhokometse poto ya semela sa gagwe, Rembrandt.

 

Go bonala Constant a atlega ka dinako tsotlhe go se sepe se se mo palelang.

 

o bontsha bokgoni jwa gagwe jwa go kwala

CONSTANT