Moithuti wa Batšhelara ya Saense ya Loago le Boithutatlhaloganyo e leng Matlotlo Goitseone Kgopisho a re o na le bokgoni jwa go nna le seabe mo kgaisanong e e mo gwetlhang mmele le tlhaloganyo, ke lone lebaka la go bo a tlhophile go tsenela motshameko wa mabole le rakabii.

 

O simolotse leng

 

Matlotlo yo o tswang kwa motsaneng o monnye wa Uitkyk o o dikilometara di le mmalwa go tswa kwa Mahikeng a re go rata ga gagwe metshameko go simolotswe ke rraagwe yo e leng mokatisi wa bolotlowa ya banna yo o ntseng mo setulong sa maotwana.   Fa Matlotlo a ne a le moithuti wa ngwaga wa ntlha ka 2017, o ne a tsenela metshameko eno ka bobedi mme ga a ise a ke a e tlogele.

 

“Ke ne ke le leloko la setlhopha sa 7s rugby se se neng se emetse YBB kwa Kgaisanong ya USSA e e neng e tshwaretswe kwa Port Elizabeth. Gape ke ne ke le leloko la setlhopha se se neng sa gapa maemo a bobedi mo kgaisanong ya Llega ya Leopards,” Matlotlo o bolela jalo.

 

Mo motshamekong wa mabole, o ne a ikgapela mmentlele wa selefera kwa Kgaisanong ya USSA e e neng e tshwaretswe kwa Mangosuthu University of Technology ka 2017 mme a newa awate ya go nna motlabosheng wa mosadi.

 

Tsela e e di gaisang ya go nkgisana magwafe

 

Ka 2018, Matlotlo o ne a ikgapela mmentlele wa gauta kwa Kgaisanong ya Motshameko wa Mabole ya USSA e e neng e tshwerwe ke YBB. Mo ngwageng o o latelang, a newa diawate tsa go nna mmamabole yo o ba gaisitseng botlhe le motshameki yo o ba gaisitseng botlhe wa mosadi, o ne a tlhophiwa go emela setlhopha sa motshameko wa mabole wa porofense ya Bokone Bophirima , mme a ikgapela mmentlele wa gauta kwa Kgaisanong ya USSA e e neng e tshwaretswe kwa Secunda.

 

Matlotlo o ne a eletsa go ka tshameka rakabii ya seporofešenale kgotsa motshameko wa mabole nako nngwe, mme tsholofelo eo ya gagwe e ne ya nyelela fa a ne a gobala lengwele ka 2018 ka nako ya kgaisano ya llega ya Leopard.

 

"Ke dumela gore fa e ne e se ka ntlha ya kgobalo ya me, ke ka bo ke dirile botoka thata mo metshamekong eno ka bobedi,” go bolela jalo moatlelete yono yo o tswelelang pele go emela YBB mo metshamekong eno ka bobedi.

 

A re motshameko o nnile le mesola e megolo tota mo botsogong jwa gagwe. “Metshameko ga e dire fela gore ke gole mo tlhaloganyong, mo mmeleng le mo maikutlong, e nthusa gore ke kgone go ikgalemela.”

 

Matlotlo (ka fa molemeng) o nkgisana magwafa le moema-kgatlhanong nae mo kgaisanong ya motshameko wa mabole kwa YBB.

Motshameko wa mabole le wa rakabii ga o motlhofo, ke metshameko e mo go yone go thulanwang le batshameka-kgatlhanong e bile e tlhoka mosadi wa maatla a a sa tlwaelegang go nna le seabe e seng mo go o le mongwe fela wa yone, mme mo go yone ka bobedi.

MATLOTLO

O siametse go ragoga ... Matlotlo o rata motshameko o mo go one go thulanwang le batshameka-kgatlhanong o o jaaka wa rakabii

o rata metshameko e e mo gwetlhang ya mabole le wa rakabii