Go re boloka re sireletsegile ka nako ya leroborobo

TSEPA GO

DITIRELO TSA TSHIRELETSEGO:

eish! e ne ya buisana le mokaedi wa Ditirelo tsa Tshireletsego e leng Des Ayob go tlhaloganya gore lefapha la gagwe le re boloka jang re sireletsegile ka nako ya leroborobo la Covid-19. Gape o re bolelela ka dithulaganyo tsa bone tsa go simolola go dirisa dikhemera tse di lekanyang mogote mo mafelobotsenong otlhe go baya leitlho thempereitšha ya mongwe le mongwe yo o tsenang mo yunibesiting.

 

P: Boikarabelo jwa badiri ba lefapha la Ditirelo tsa Tshireletsego bo fetogile jang ka ntlha ya leroborobo?

K: Covid-19 e okeditse boikarabelo jwa rona fela thata. Re simolotse mokgwa wa go ikobela melawana ya Pholo le Tshireletsego mo Tirong ya go tlhatlhoba thempereitšha kwa mafelobotsenong otlhe a rona a khamphase gape re tshwanetse go tlhomamisa gore baithuti le baeng ba ikobela melao ya go katogana go thibela tshwaetsano mo dikhamphaseng tsa rona.

 

P: A go ile ga tlhokega gore maloko a Ditirelo tsa Tshireletsego a newe katiso go ya pele?

K: Ee, tliliniki ya pholo ya khamphase e ile ya ba katisa go ya pele. Re amogetse kgopolo ya katisa-mokatisi, e e rayang gore baemedi ba ba katisiwang ba tshwanetse go fetisetsa katiso eo go badiri-ka-bone mo dikhamphaseng tsa bone. Maloko a katiseditswe go dirisa diaparo kgotsa Didirisiwa tsa Go Itshireletsa (personal protective equipment [PPE]), go akaretsa le go dirisa selekanyamogote se se tshwarwang ka seatla. Mo godimo ga moo, batlhankedi botlhe ba weditse katiso e ba patelesegang go e dira ya Covid-19 mo eFundi.

 

P: Ke dikgwetlho dife tse maloko a Ditirelo tsa Tshireletsego a kopaneng le tsone mo nakong e e thata eno?

K: Batlhankedi ba tsa tshireletsego ba bontshitse gore maloko mangwe a badiri a itshwara ka go tlhoka maitseo mo go bone, segolobogolo fa ba kopiwa go ntsha bosupi jwa gore ba tladitse sediriso sa go itlhatlhoba pele letsatsi le letsatsi.

 

Gape ba nnile le mathata ka selekanyamogote se se tshwarwang ka seatla se ba se dirisang go lekanya thempereitšha ya batho ba ba tsenang ka mafelobotseno a rona.

 

Didirisiwa tseno di diretswe gore di dire mo teng ga kago. Ka ntlha ya go bo re le mo gare ga mpa ya mariga, didirisiwa tseno ga di dire sentle. Re di thusa ka go di boloka di le bothitho ka go di apesa ka dikobo le go di baya ka fa tlase ga mabotlolo a raba a a tshelwang metsi a a mogote.

 

Ka lesego, bothata jono bo tlile go rarabololwa mo masimologong a Phatwe 2020, fa re tla bo re simolola go dirisa dikhemera tse di lekanyang mogote mo mafelobotsenong otlhe gore re beye leitlho dithempereitšha tsa botlhe ba ba tsenang mo yunibesiting.

 

P: Fa modiri kgotsa moeng a na le thempereitšha e e kwa godimo go feta ka fa go tlwaelegileng ka gone, go lebeletswe gore motlhankedi wa Ditirelo tsa Tshireletsego yo o mo tirong a dire eng?

K: Fa palo ya thempereitšha ya motho e le kwa godimo (dikirii di le 38 kgotsa go feta) motlhankedi wa tsa tshireletsego o tla mo pata go ya kwa tliliniking ya pholo ya mo khamphaseng gore a ye go tlhatlhobiwa go ya pele. Fa motho yono a batla go ya kwa moporofešenaleng wa pholo yo a itlhophelang go ya kwa go ene, o tla letlwa go dira jalo. Mo kgannyeng eno, motho yono ga a kitla a letlwa go tsena mme o tla patiwa ke mongwe gore a tswe mo khamphaseng.

 

P: Boikuelo jwa gago go maloko otlhe a mantsi a YBB ke bofe malebana le molao wa Ditirelo tsa Tshireletsego, e re ka re lebeletse go tlhatloga ga ditshwetso tsa Covid-19 mo nageng eno?

K: Maloko a rona a khamphase a kopiwa gore ka tsweetswee a tlatse sediriso sa go itlhatlhoba pele letsatsi le letsatsi ka go dirisa phothale ya DIY PELE ba tla mo khamphaseng. Seno se tla fokotsa go kgotlhagana ga batho mo mafelobotsenong a rona.

 

Bao ba sa kgoneng go tlatsa sediriso ka ntlha ya bothata jwa kgokagano ya deitha kgotsa fa ba sena sediriso sa mmobaele, ba sa ntse ba tla thuswa ke motlhankedi wa tsa tshireletsego yo o tla bong a tshwere thebolete go tlatsa tshedimosetso eo mo boemong jwa bone.

 

Re konela fano ka go gopotsa botlhe gore ba dirise dikaelo tse di tshwanang mo lefatsheng lotlhe: Tsenya mmaseke, nna o katogane le ba bangwe mme o tlhape diatla gangwe le gape.

Aforikaborwa, fela jaaka dinaga tse dingwe tse dintsi, e ipaakanyetsa kgailo ya ditshwaetso tsa Covid-19 jaaka fa leroborobo la mogare wa korona le le gaufi le go fitlha kwa setlhoweng sa lone. Lefapha la Ditirelo tsa Tshireletsego la YBB le ntse le di goga kwa pele mo ntweng kgatlhanong le mogare.

Des Ayob: Mokaedi wa Ditirelo tsa Tshireletsego