Ke rona ba:

Wa ntlha mo SA go newa DBA ya boditšhabatšhaba

 

Bošeng jaana, Mop Linda du Plessis o ne a nna Moaforikaborwa wa ntlha go wetsa ka katlego dikirii ya boditšhabatšhaba ya Gerata ya Bongaka jwa Tsamaiso ya Kgwebo (Doctor of Business Administration [DBA]).

 

Se se dirang gore mothusa motlatsa-mokanseliri yono yo o nang le bokgoni jwa go rulaganya ditiro kwa Khamphaseng ya Vanderbijlpark a tlhomologe le go feta ke gore o weditse dikirii – gerata ya bongaka ya bobedi ya gagwe – mo dingwageng di le nne, mo boemong jwa dingwaga di le tlhano jaaka go ne go lebeletswe.

 

Go ithutela ga gagwe thutego eno go simolotse ka Ferikgong 2017 fa a ne a ikwadisetsa thulaganyo eno kwa Yunibesiting ya Bath kwa United Kingdom. Tobetsa fano gore o buise ka fa Linda a neng a falola dithuto tsa gagwe ka dinaledi ka gone fa a ne a dira ka nako e e tletseng e bile a tla a tlhokomela lelapa.

Mop Linda du Plessis, yo o nnileng Moaforikaborwa wa ntlha go nna le dikirii ya boditšhabatšhaba ya Gerata ya Bongaka jwa Tsamaiso ya Kgwebo (DBA), a re sephiri sa go atlega ga gagwe ke go laola nako sentle.

 

-TSHEDIMOSETSO

eish! e tlhagisiwa le go gatisiwa ka Seesimane, Setswana le ka Seaforikanse ke Lefapha la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo la YBB.

Setlhopha sa botseleganyi: Badiri ba Lefapha la YBB la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo

Mokgabiso le boalo: Karen Viljoen

Go tsaya dinepe: Badiri-ka-rona ba YBB le batlamela ka ditirelo ba rona

Fa o na le dipotso go ya pele/fa o batla go kwala sengwe: Nelia Engelbrecht - mogala 018 299 4937

Lebokoso la mo teng ga setheo la 260