Ditsala tsa rona tse di maotomane di rata totlelelo

Re di bitsa ditsala tsa rona tse dikgolo, bana ba rona ba ba maotomane le ditsala tse di ikhutaganyang mo go rona. Ke lone lebaka la go bo re ba itshwarela fa ba bogola ka nako ya kopano ya Zoom kgotsa fa katse e batla go robala mo godimo ga khiiboto ya rona fa re batla go dira.

Supa mo ditshwantshong go buisa go feta.

Ee, ke diphologotswana tsa rona tsa mo gae tse di rategang – dikatse le dintša tseo mmogo le mefuta ya diphologolo tse dingwe tse di ipolelelang gore re mo gae gore re di tlose bodutu le go fetsa nako e ntsi re na le tsone.

 

Nngwe ya diphologolo tse di ntseng jalo ke Irish Wolfhound e e bidiwang Luna, wa ga Veruschka Pelser-Carstens wa Sekolo sa Disaense tsa Bobalamatlotlo kwa Khamphaseng ya Vanderbijlpark.

 

Luna o rata totlelelo

 

Ga go a lekana go bua fela re re Luna o itumelela go newa tlhokomelo go ya pele mo nakong eno ya totlelelo. O e rata go feta selekanyo!” Veruschka o bolela jalo.

 

Luna o simolola letsatsi ka go tsosa beng ba gagwe ka go ba tlisetsa “mpho", go simolola ka ya setlepetlepe go fitlha ka setshamekisabana se se boruma sa morwadiabone, e leng Alenka. “Seo ke sesupo sa gore re tsoge re ipaakanye. Ka 08:00 mo godimo ga tlhogo, o tla ka thapo ya gagwe ya mo thamong gore e gokelelwe mo molaleng wa gagwe mme a ye go fokisiwa phefo kwa ntle, e leng selo se re ratang thata go se dira.

 

“Kwantle ga mosepele wa gagwe wa mo mosong le go ikhutaganya ka dinako fa gare ga ditiro tsa rona tsa letsatsi le letsatsi, le rona re rulaganya nako ya rona sentle go tlhomamisa gore re nna le matlha a go tshameka le ene le bonnakaagwe, e leng Emma le Fleur, ba ba santseng ba na le motsadisi wa bone.”

 

Go a tlhaloganyesega gore o tshwanetse go rulaganya matlha a go tshameka le ngwana wa gago yo o esi fela e leng ntšanyana ya gago, mme fa di le 10, di dintsi ka mo go lekaneng go tshameka mmogo.

 

Palo ya dintša (e e gaufi le) di le lesomepedi

 

Ee, modiri-ka-rona yo mongwe wa kwa Vanderbijlpark, e leng Alma Joubert wa Matlotlo le Dikago, le monna wa gagwe e leng Andre, ba kopanetse ntlo ya bone le “bana ba bone ba ba rategang ba ba maotomane” ba ba seng ka fa tlase ga 10 ka palo.

 

Alma o a dumela gore go di naya tlhokomelo e e oketsegileng ka nako ya totlelelo go dira gore di se ka tsa fetsa go penapena megatla ka boitumelo. “Fa Andre a tswa a ya tirong ka 06:00 mo mosong, dintša tse di neng di sa kgone go bona phatlha ya go robala mo bolaong bosigo di dirisa tšhono eno go tla go robala le nna go sekae,” o bolela jalo.

 

“Fa alamo e lela ka 07:15, ke nako ya gore botlhe ba nwe kopi ya kofi e e se nang khafeine e e sa tswang go titielwa. A re bueng boammaaruri: ga go ope yo o kgonang go simolola letsatsi ntle le go nwa kofi!”

 

Morago ga mo Alma le setlhopha seno sotlhe ba a tswa ba ya kwa kantorong. Ba tswa otlhe fela kwantle ga ga Heidi, Labrador, yo ene a robalang go fitlha ka 10:00.

 

Mo kantorong, nngwe le nngwe ya tsone e na le lefelo la yone, Cheeky o nna mo seropeng sa ga Alma, Gizmo mo setulong se se fa thoko ga ga Alma mme Chopper ene o nna fa dinaong tsa gagwe ka fa tlase ga tafole. Tse dingwe tsotlhe di nna mo teng ga diroto tsa tsone.

 

Mme a go a tle go nne le kopano ya Zoom go se dipe tsa tsone tse di bogolang? Ka nako ya dikopano tseno, Cheeky o nna a tlhamaletse mo seropeng sa ga Alma mme o leba khamera. “Ga go gakgamatse go bo Mop Lloyd Conely a amogela Cheeky semmuso jaanong fa re na le kopano ya Zoom mmogo!” go bolela jalo Alma.

Veruschka Pelser-Carstens o motlotlo go bo a na le Irish Wolfhound.
Ntša ya ga Veruschka Pelser-Carstens, e leng Luna, e rata go iphokisa phefo le morwadie e leng Veruschka, Alenka.

Tobetsa mo leotong le lengwe le le lengwe go buisa ka ditsala tsa maotomane tsa maloko a badirammogo.

Bana ba le some ba ga Alma Joubert ba ba maoto-mane ba itisa le ene ka nako ya totlelelo.