<
>
MAELE A LE SUPA A GO ATLEGA GA KOPANO KA INTHANETE
A o ka rata go rulaganya simphosiamo kgotsa khonferense e e sa lebalesegeng ka inthanete? Se lebe kgakala, fomula ya ga Hanlie Degenaar ya go atlega ke eno.
AUTISM LE GO LAOLA MAIKUTLO
Molaetsa o o neng wa tlhagelela ka nako ya semposiamo sa setlhogo se se reng, “Go laola maikutlo”, e ne e le wa gore dikgono tse di mosola tsa tlhaeletsano le dikamano tse di siameng ke dilo tsa konokono tsa go laola maikutlo. Motho o tshwanetse go tsaya gore motho mongwe le mongwe o na le bokgoni jo bo seng kana ka sepe, mme a tlhomolole dinonofo tse di molemo tsa bone le go thoma mogopolo mo go se motho yoo a lekang go se bua.
“Gakologelwa gore go garumelana ke go leka go bua sengwe. Tlhoma mogopolo mo go se se buiwang e seng go leka go siamisa tsela e e seng monate e motho a buang ka yone. Gape, maitemogelo a mogolo a bolwetse jwa autism le dikgopolo a botlhokwa go tlhama le go laola ditharabololo tse di mosola,” Hanlie o bolela jalo.
Tobetsa mo metswing go buisa go feta.
Fa YBB e ne e tshwanelwa ke go tshwara Semposiamo sa Bosetšhaba sa ngwaga le ngwaga ka nako ya totlelelo ya lefatshe lotlhe, barulaganyi ba sone ba ne ba tshwanelwa ke go tlhama fomula ya tlhamosešwa ya go simolola khonferense eno ka inthanete. Mme ba ne ba atlega.
eish! e ne ya botsa Hanlie Degenaar ka mesola ya tiragalo e e tshwarwang ka inthanete, le maele a go tshwara khonferense e e atlegang.
YBB e ne ya tshwara Semposiamo sa ngwaga le ngwaga sa Autism sa setlhogo se se reng "Go Laola Maikutlo” ka nako ya Autism South Africa le ya Mokgatlho wa Aforika Borwa wa Boithutatlhaloganyo ya Bana le ya Basha le ya Baporofeshene ba ba Kopaneng go simolola ka di 25 go fitlha ka di 27 Seetebosigo.
Mesola e a oketsega
Hanlie a re fomete ya mo inthaneteng e ne e na le mesola e le mmalwa.
“Re ne ra kgona go akaretsa dibui tsa maemo a a kwa godimo le go fitlhelela batho ba le bantsi gore ba tseye karolo mo tshedimosetsong, ka gonne go ne go le motlhofo gore ba tsenele kopano eno ba le gongwe le gongwe mo lefatsheng lotlhe.
"Mosola o mongwe ke gore re ne ra kgona go tshwara dithutano tse dintsi tse di mosola, ka gonne go ne go na le ditlelase tsa palo e e sa lekanyediwang tse di tshwarwang ka inthanete. Gape, ditšhono tsa go itsane le ba bangwe di ne tsa oketsega e bile go ne go le motlhofo go bulegelwa ke tsone, go ya ka pegelokarabo ya ba ba neng ba le teng mo kopanong eo.”
Hanlie a re ene le setlhopha sa gagwe ba ithutile go le gontsi. “Kgakololo e e di gaisang tsotlhe e re neng ra e newa e ne e le ya gore re se ka ra tshwara kopano eno go tshwana le e e tshwarwang go lebanwe difatlhego mme go na le moo, re dirisa mokgwa o o foreše wa go e tshwara mme re e boloke e sa raraana.”
Malebana le kgakololo ya ga Hanlie ya go tshwara semposiamo kgotsa khonferense ka katlego ka ithanete, leba lebokoso la mokwalo la setlhogo se se reng “Maele a le robedi a go atlega ga kopano ka inthanete”.
“Ka go rulaganya dilo ka kelotlhoko le go dirisa didirisiwa tsa maemo a a kwa godimo tsa YBB, re ka kgona go dira dilo tse go bonalang di sa kgonege. Ga go motlhofo go dira Phetogo mme e bula ditšhono tse di molemo tsa tlhamosešwa le kgatelopele,” Hanlie o bolela jalo.
Hanlie Degenaar o ne a eteletse setlhopha pele se bosheng jaana se neng sa tshwara kopano e e atlegileng ka autism mo inthaneteng.