A mafoko a gago e nne

mo go wena le mo go ba bangwe

Maikutlo a re nnileng le one fa e sa le totlelelo ya bosetšhaba e simolola e ka tswa e nnile a poifo le tlhobaelo.  Go kwala ka one e ka nna maitemogelo a a fodisang.

Ngaka nngwe e laetse gore mo dinakong tse di thata tseno, motho a dire porojeke ya go kwala e e bontshang mokgwa wa go amega ka ba bangwe. Leno ke lone lebaka la go bo lefelo la patlisiso la Global Innovative Forefront Talent (GIFT) mo Legorong la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi le laletsang maloko otlhe a badiri go kwala dikakanyo le maitemogelo a bone, ao morago ga moo a tlileng go phasaladiwa mo bukeng.

 

Phodiso gare ga mpa ya mariga

 

Mop Anna-Marie Pelser, yo o etelelang setheo sa GIFT pele, o ne a simolola porojeke eno morago ga go diragalelwa ke tiragalo nngwe ya masetlapelo a magolo.

 

 “Mmé o tlhokafetse ka nako ya totlelelo mme ke ne ka tshwanelwa ke go rulaganya sengwe le sengwe ka inthanete,” o bolela jalo. Go ne go le botlhoko tota go dira jalo, mme monna wa gagwe le morwadie ba ne ba mo tshegetsa gore a kgone go dira jalo.

Gape Anna-Marie o tlhalosa ka fa ene le ba lelapa la gagwe ba ileng ba atamalana gaufi thata ka gone go feta pele mo nakong ya totlelelo. Go “tlotla ka dilo tse di seng kalo” go ne ga fokotsa manokonoko mangwe a ba neng ba a utlwa ka ntlha ya go nna fela mo teng ga ntlo.

 

Ka ntlha ya go rata go kwala

 

Go ntshitswe bosupi jwa gore go kwala dikakanyo le maikutlo a gago go ka go thusa go a tlhaloganya botoka, segolobogolo fa o mekamekana le go tshwenyega thata mo tlhaloganyong le tlhobaelo. Dikakanyo di kgona go tsosolosiwa, mme go kwala ka tse di sa siamang tsa tsone go thusa go di ntsha mo mogopolong.

 

"Ke rata go kwala. Ke kwala maboko le dikgangkhutshwe, mme ke kopane le dikgannyana tse di tshegisang le melaetsa e batho ba e tsentseng mo dipolatefomong tse dingwe. Di tsosolositse maikutlo a batho ba le bantsi,” Anna-Marie o oketsa jalo. “Mo go nna, seo se bontsha tiro ya go amega ka ba bangwe.”

 

Bolelela ba bangwe kgang ya gago

 

“Maloko a YBB a ka nna a romela maboko, dikgang kgotsa maikutlo a bone ka ga gore Covid-19 e ba ama jang le gore e tlisitse diphetogo dife mo matshelong a bone,” Anna-Mari o bolela jalo.

 

“Ka tsela eno, re kgona go itsane, go amogela maemo a re leng mo go one le a ba bangwe, le go bolelelana dilo dingwe tse di tla re thusang go nna le nako ya go tshega...”

 

Melaetsa yotlhe e e kwadilweng e ka romelwa go ampelser@hotmail.com or anna.pelser@nwu.ac.za.

 

Dikgang tse di kwadilweng di ka romelwa ka Seesemane, Seaforikanse kgotsa ka Setswana. Tsweetswee romela senepe sa gago mmogo le kgannyana e o e kwadileng, mme o tlhalose gore o rotloeditswe ke eng go e kwala.

 

“Ke a itse gore mongwe le mongwe o tshwaregile ka sengwe, mme romelang dikgang tsa lona tsweetswee e seng morago ga 21 Phatwe 2020. Dikgang tsotlhe di tla gatisiwa di le ka mokgwa o di amogetsweng ka one – ga di kitla di fetolwa.”

 

Ka gonne go na le lereo le le reng poko e tlhagisiwa ke boitumelo jo bogolo kgotsa ke bohutsana jo bo tseneletseng.

“Mo tsamaisong ya ditalente re boloka bokamoso”

 

Mop Anna-Marie Pelser,

mokaedi wa Nama o sa Tshwere wa GIFT.