Se ke bophelo bo bošwa jaanong

 

Dikopano-khonferense tse di tshwarwang ka bidio le ka go reetsa mantswe ka inthanete le ditiragalo, le dithutano ka inthanete di fetogile tlwaelesego e ntšha mo tirong mo nakong eno ya totlelelo ya leroborobo.

 

Fa e sa le maloko a yunibesiti a direla kwa gae mo dikgweding di le mmalwa tse di fetileng, go bonala sentle gore mokgwa o dikopano di tshwarwang ka one o fetogile, le gore maloko a badiri a tshwanetse go itlwaetsa tlwaelesego e ntšha eno ya mo tirong.

 

Le fa go ntse jalo, badiri ba Sekolo sa Disaense tsa Bobalamatlotlo mo Khamphaseng ya Vanderbijlpark ba ntsha bosupi jwa gore sengwe le sengwe se ba neng ba se dira mo kantorong pele ga totlelelo, se ka kgona go dirwa ka katlego e kgolo motho a ntse a se mo kantorong. Bosupi jwa seno bo bonwa mo mokgweng o o sa tlwaelegang wa setlhopha seno wa go aga botsalano fa gare ga badiri.

 

A bošeng jaana o kile wa tsena mo kopanong ya tiro ka inthanete o na le Wonder Woman, Ironman, Hannah Montana le Andy Cap? Nnyaa? Fa go sa nna jalo, Sekolo sa Disaense tsa Bobalamatlotlo sone se ne se na le bone, mme ba nnile le nako e e monate tota.

Go ya ka mokaedi wa sekolo e leng Mop Heleen Janse van Vuuren, go tshwara kopano ka inthanete le go dira ka sekerini letsatsi lotlhe go ka lapisa tota e bile go monya maikatlapelo a mmele a batsayakarolo.

 

Gore go ikelwe tlhoko kgatlhanong le letsapa la kopano ka inthanete, sekolo se ile sa kopa setlhopha sa bone se se tsalanyang badiri mmogo go tla ka mekgwa-mešwa e e tla ba thusang e seng fela go tlhoma mogopolo, mme gape e e tla tlhagafatsang batsayakarolo gore ba tle go ntsha bojotlhe jwa bone mo kopanong.

 

Ba ntsha ga tshwene

 

Setlhopha se se tsalanyang badiri mmogo, seo maloko a sone e leng Ashley Pietersen, Boipelo Moncho le Jesse Manickum, ga se a re swabisa. Ba dirile gore dikopano tsa sekolo e nne ditšhono tsa go aga botsalano fa gare ga badiri, tse di itshupang di le mosola fela thata go thusa badirammogo go ipela le go tsalana mo dikopanong tsa inthanete.

 

Tlhamosešwa ya boraro jono e ne ya laela motsayakarolo mongwe le mongwe gore a tsene mo kopanong eno a dirisa leina le e seng la gagwe le le mo tlhalosang botoka. Batsayakarolo bangwe ba ne ba tsena ba dirisa maina a a jaaka Wonder Woman, Ironman, Hannah Montana le Andy Cap. Maloko a setlhopha se se tsalanyang badiri mmogo se ne sa bitsa maina a a mo sekerining mme badirammogo ba bo ba nna le tšhono ya go fopholetsa gore e ne e le a bomang.

 

Mo kopanong ya bobedi, setlhopha se se tsalanyang badiri mmogo se ne sa gwetlha batsayakarolo botlhe go tshameka motshameko wa tekokitso. Anneke Moolman o ne a bidiwa mampodi wa tekokitso morago ga go gapa bontsi jwa dintlha go gaisa ba bangwe. Mme go go bolelela boammaaruri, dipotso tseo di ne di se motlhofo! Ka sekai, a o ne o itse gore McDonalds ke setlamo se se abang ditshamekisabana se segolo go di gaisa mo lefatsheng?

 

“Fa e le gore go na le sengwe se nna le setlhopha sa me re ithutileng sone mo nakong eno ya leroborobo, ke gore ga go na lebaka la gore re se ka ra keteka bokopano-mmogo jwa rona jaaka badiri-mmogo le ditsala,” Heleen o bolela jalo.

 

O oketsa ka gore leloko lengwe le lengwe la sekolo le lebile pele go kopano ya bone e e latelang, e bile ba lebile pele ka go shwegashwega pelo gore ke motshameko ofe o o akanyeditsweng ka manontlhotlho o ba tlileng go tsaya karolo mo go one.

Babalamatlotlo ba tshwara kopano ka Zoom ya go aga botsalano fa gare ga badiri ka nako ya totlelelo

Babalamatlotlo ba tshwara kopano ka Zoom ya go aga botsalano fa gare ga badiri ka nako ya totlelelo

Mop Heleen Janse van Vuuren o ne a dirisa leina la maitirelo la Gladys.

BOKHUTLO

A o ne o itse?

 

  • Go fopholediwa gore dikopano ka inthanete lefatshe ka bophara di oketsegile go tswa go batsayakarolo ba le dimilione di le 10 mo dikopanong tsa letsatsi le letsatsi ka Sedimonthole 2019 go fitlha go ba le dimilione di le 200 ka Mopitlwe wa 2020.
  • Dikopano tse di tshwarwang ka sedirisiwa sa Zoom di oketsegile fela thata mo nakong eno ya leroborobo fa di bapisiwa le Skype le Microsoft Teams, e bile Zoom laisolotswe go gaisa didirisiwa tse dingwe tseno e bile ke yone sedirisiwa-segolo sa tlhaeletsano ka tsa kgwebo. Palogare ya boleele jwa kopano-khonferense ka bidio ke metsotso e le 31 go fitlha ka e le 60.