Setlhopha sa motshameko wa  karate sa YBB se fentse kgaisano ya bo 20 ya USSA ka tatelano ka 2019 e e neng e tshwaretswe kwa Rhodes University. Sensei Johan van Tonder o mo moleng wa kwa morago, o wa bone go tswa mojeng.

Re a itse gore rekoto ya bone e e kwa godimo mo yunibesiting ya dingwaga di le 20g e itshetlegile ka dipilara di le nne tsa boleng jo bo kwa godimo tse di ba tswetseng mosola thata: go kgona go ikgalemela, go thusana, go ipelela motshameko le go ineela mo go one.

Nngwe, pedi, tharo, nne. Ichni, ni, san, shi.  Resipe eno, mmogo le bokgoni jwa go katisa jwa ga sensei Johan van Tonder, e thusitse setlhopha go palamelela kwa mankalengkaleng mo motshamekong wa karate le go tswelela ba kotame mo maemong a a kwa godimo ao dingwaga di le masomeamabedi.

Mo lobakeng loo lotlhe, ba fentse kgaisano ya ngwaga le ngwaga ya bommampodi ya University Sport South Africa (USSA) – phitlhelelo e e sa gaisiweng ke epe mo motshamekong wa karate le mo metshamekong e mengwe ya yunibesiti.

Go nna seoposengwe jaaka lelapa

“Re lelapa la batho bao mongwe le mongwe wa rona a dumelang mo go yo mongwe. Ke gakologelwa ngwaga o o fetileng fa re ne re simolola go gaisana le UCT mme setlhopha sa bone se tletse ka batshameki ba Proteas. Rona re ne re na le batshameki ba setlhopha sa Proteas ba le babedi fela, kgotsa ba le bararo mme ra kgona go ba fenya,” go bolela jalo baithuti ba nako e e fetileng ba YBB.

“Ee, re tshwara dikampa di le dintsi tsa boikatisetso, mme gape re dira pesonama mmogo, re tshela ka mekgwa e e siameng e e tshwanang. Re batla go nna maloko a setlhopha seno. Ke a gopola gore morago ga go fenya UCT, banna bangwe mo setlhopheng sa rona ba ne ba thubega ka selelo ka gonne ba ne ba sa dumele se se fitlheletsweng ke setlhopha.”

Johan le setlhopha sa gagwe le bone ba kaelwa ke dithuto tsa mookamedi wa kholetšhe e leng Mikio Yahara, Shotokan yo o nang le dingwaga di le 72 yo o belegetsweng kwa Ehime Prefecture kwa setlhaketlhakeng se se tala sa kwa Japane sa Shikoku. O mo maemong a bo 10 dan, mme seno se dira gore a nne tlhogo e e botlhokwa ya mokgwa wa karate o mokatisi wa YBB le setlhopha sa gagwe ba ikaegileng ka one.

“Ke mokgwa o o batlang boitekanelo jwa mmele le go tlhoma mogopolo. O fetola mokgwa wa batho. O dira gore batho ba se inyatse mme o ba ruta go laola maemo,” Johan o tlhalosa jalo.

Ba boa gape ba bua ka phitlhelelo e e seng kana ka sepe ya diphenyo di le 20 ka tatelano tsa setlhopha mo kgaisanong ya USSA.

“Ee,” o netefatsa jalo a tshegatshega: "Mongwe le mongwe o sa ntse a bua ka gone. Ke bona difatlhego tse di ntšha ngwaga le ngwaga le fa selo se le sengwe se se sa fetogeng gotlhelele e le se se botlhokwa. Ke selo se ke se bolelelang baithuti ba me: ‘Ipeleleng motshameko wa lona wa karate.’”

A re tsweleleng go bala makgetlo a go fenya ga setlhopha: Ichni, ni, san shi … ni-jū!  Ka mafoko a mangwe: nngwe, pedi, tharo … someamabedi!

Kabinete ya dijana tsa metshameko ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e tletse e a tshologa e bile batshameki ba metshameko mengwe ba dirile go tlala seatla gore e nne e tletse ka tse dintsi go feta tsa setlhopha sa karate.

Tsela ya go nna kwa mankalengkaleng dingwaga di le 20… le go di oketsa

Sensei Johan van Tonder o dumela gore selo se se botlhokwa thata ke go bolelela baithuti ba gagwe go re: ‘Ipeleleng motshameko wa lona wa karate.’