Re ka kgona go sutlhelela setsuatsue ka katlego

Ke rona ba

Mop Dan Kgwadi, Motlatsamokanseliri o lakaletsa badirammogo botlhe masego ka nako ya totlelelo.

 

 

Ka nako ya fa o tla bo o buisa setlhogo seno, re tla bo re le gaufi fela thata le go tsena mo bekeng ya bobedi ya kiletso ya go tswela kwa ntle.

 

Re tshwanetse go bo re setse re simolotse go tlwaela thulaganyo ya "go direla mo gae”, re na ditsela tse di lekaneng sentle tsa go golagana le badiri-ka-rona le bana-le-seabe ba bangwe.

 

Gakologelwa gore boikaelelobogolo jwa seno ke go nna re sireletsegile le go tswelela re dira ka natla mo nakong eo, gore YBB e tswelele pele ka ditiro tsa yone, go sa kgathalesege setsuatsue se se tsubutlang ka fa ntle sa Covid-19.

 

Tsweetswee dirisa aterese ya imeile e e tlhametsweng botlhe ya go botsa dipotso ka Covid-19 ya: nwu-covid19@nwu.ac.za. Tlhomamisa gore o nne o le mo leseding ka metlha ka go leba webosaete ya YBB le Intranete ya badirimmogo go bona tshedimosetso ya bošeng ka Covid-19 le kiletso.

 

Gape o ka nna wa rata go buisa diathikele tse di kwadilweng ke bomankge ba rona ba YBB ka tsela e kgogodi eno ya Covid-19 e amang tlhaloganyo ka yone, le gore e ama jang  ikonomi.

 

O se ka wa okaoka go ikgolaganya le mmenejara wa lefapha la gago fa o nna le mathata a go direla mo gae. Ka go ema re le seoposengwe – ka tsela ya tshwantshetso – re ka kgona go sutlhelela setsuatsue seno ka katlego le go tswelela pele mo go tsweledisetseng YBB kwa pele.

 

-TSHEDIMOSETSO

Setlhopha sa botseleganyi: Badiri ba Lefapha la YBB la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo

Mokgabiso le boalo: Karen Viljoen

Go tsaya dinepe: Badiri-ka-rona ba YBB le batlamela ka ditirelo ba rona

Fa o na le dipotso go ya pele/fa o batla go kwala sengwe: Nelia Engelbrecht - mogala 018 299 4937

Lebokoso la mo teng ga setheo la 260

eish! e tlhagisiwa le go gatisiwa ka Seesimane, Setswana le ka Seaforikanse ke Lefapha la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo la YBB.