Ka tsamaiso e ntšha ya YBB ya go toloka, ga re tlhole re tlhoka go dirisa difouno tsa bogologolo tse di tsenngwang mo ditsebeng.

Tshedimosetso ya kerafo: Go tsaya dikgato di le mmalwa fela tse di motlhofo go golagana le tsamaiso ya Sennheiser Mobile Connect.

Tsamaiso e e sa jeng madi e e tokafaditsweng ya go toloka

Tsamaiso ya bogologolo ya go toloka ga e tlhole e dira mme re dirisa e ntšha e e somarelang madi mo YBB – mme, re e dira kgato ka kgato, mo boemong jwa go e tsenya yotlhe ka gangwe.

 

Tsamaiso e ntšha ya Sennheiser Mobile Connect ke “hotspot” ya Wi-Fi e e letlang baithuti go dirisa difouno tsa mmobaele tsa bone le di-“earphone” go reetsa fa ba tolokelwa kwa YBB ba dirisa “application” eno.

 

Kwa tshimologong, e ne e diretswe bajanala

 

Tsamaiso ya bogologolo ya Sennheiser e ne e dirisiwa jaaka sedirisiwa sa mmobaele sa bajanala ba ba neng ba bontshiwa moago, go tlhalosa jalo Johan Blaauw, Mokaedi wa Bokaedi jwa Dipuo.

 

"Tsamaiso eno e ne e tlhametswe batho ba ba neng ba sa kgone go utlwa sentle ka nako ya fa ba bontshiwa dikago tse di modumo jaaka tsa go titiela bojalwa kwa Jeremane.

 

Tsamaiso ya bosheng jaana ya Mobile Connect e ne ya tlhamiwa gore e fitlhelele dipatlafalo tsa melao ya kwa Yuropa ya gore batho ba ba nang le bothata jwa go sa utlwe ba di dirise gore ba kgone go utlwa fa ba le mo diholong le mo mafelobobogelong.

 

Ga re ise re ko re reetse ditlhatlhelelo ka mokgwa o o ntseng jaana o o kgatlhang, o mo go one baithuti e nnang bone ba tokafatsang tebego le boleng mo founong fa ba ntse ba tolokelwa.

 

Johan Blaauw, mokaedi wa “Bokaedi jwa Dipuo, a re tsamaiso ya ga jaanong e somarela madi go menagane ga tlhano go feta pele. "Re kgona go tolokela baithuti ba le 100 ka sete e le nngwe fela ya didirisiwa tsa go toloka. Mo nakong e e fetileng, batoloki ba ne ba kgona go tolokela baithuti ba le 20 ka nngwe le nngwe ya disete tsa bogologolo.

 

Go raya gore tsamaiso eno e bolokela YBB mo e ka nnang R1 milione go tlamela ka ditirelo tsa go tolokela baithuti ba le 100 ka nako e le nngwe fela.

Tsamaiso e ntšha eno e santse e tsenngwa kgato ka kgato fa go sa ntse go dirisiwa ya bogologolo, mme e ntšha e tsenngwa fa go go tlhokegang gone.

 

Ka fa didirisiwa tse di ntšha di dira ka gone

 

Ka tiriso ya bogologolo, batoloki ba ne ba naya badirisi difouno tse di tsenngwang mo ditsebeng ba bo ba toloka ditlhatlhelelo ba tshwere maekerofouno ka seatla. Morago ga moo ba tshwanetse gore ba phuthe difouno tse di tsenngwang mo ditsebeng di bo di phepafadiwa. Ka dinako tse dingwe, difouno tseno tse di tsenngwang mo ditsebeng di a latlhega, mme seno se ja madi.

 

Tsamaiso e ntšha ya Sennheiser Mobile Connect ya Setlamo sa kwa Jeremane se se bidiwang German Sennheiser Audio Company e dirisa dimaekerofouno tse di tshwanang le tsa rona tse di tshwarwang ka seatla mme tsone di dira ka Wi-Fi, gore di fitlhelele baithuti ba le bantsi.

 

Ba reetsa kgaso ya tlhatlhelelo epe ba dirisa di “application” tsa mahala tsa Mobile Connect mo difounong tsa bone. “Application” eno e laisololwa go tswa mo App Store kgotsa Play Store mme go bo go sa tlhole go tlhokega gore morago ga moo go abiwe difouno tse di tsenngwang mo ditsebeng, di phuthwe le go phepafadiwa.

 

Go ntsha tsa bogologolo le go tsenya di ntšha

 

Johan a re fa go santse go dirwa phetogo eno ya go tlogela tsamaiso ya bogolo le go dirisa e ntšha, difouno tse di tsenngwang mo ditsebeng di santse di ka dirisiwa ke badirisi ba ba iseng ba nne le “application” mo difounong tsa bone kgotsa ba ba se nang difouno tsa makgonatsotlhe. Bone le badirisi ba tsamaiso eno e ntšha ba amogela kgaso e le nngwe fela.

Ga jaanong jaana YBB ke moreki yo mogolo go ba feta botlhe wa didirisiwa tsa Sennheiser tse di dirisediwang go toloka mo nageng ya rona. Tsamaiso ya go Golagana ka Difouno tsa Mmobaele, eo kwa tshimologong e neng e tlhametswe gore e nne e e dirang mo lefelong le le lengwe fela, e fetotswe gore e kgone go thusa yunibesiti ka ditlhoko tsa yone. "Re ne re batla gore, ka sekai, e agelelwe mo teng ga lebokoso le le nang le maotwana gore le kgone go sutisiwa.”

 

Mesola ya tsamaiso eno

 

Le fa re santse re rarabolola mathata mangwe a dilo dingwe tse re iseng re di tlwaele ka yone, segolobogolo go e kopanya le tsamaiso ya YBB ya Wi Fi, tsamaiso eno e na le mesola e le mentsi thata.

 

Mesola ya yone e e botlhokwa thata, kwantle ga ditshenyegelo, ke gore baithuti ba dirisa didirisiwa tse bone ba di itlhophelang, mme ba ka tlhopha go reetsa motoloki kgotsa motlhatlheledi, fa go tlhokega go ikaegile ka gore ke ofe wa bone yo o utlwala botoka.

 

Motoloki e leng Hänschen van As a re baithuti ba ba nang le karolofefo ya khomphiutha ya go rekota mo difounong tsa bone ba ka kgona go rekota tlhatlhelelo ka boyone kgotsa e e tolokilweng.

 

Badiri ba kgona go fetola modumo, molodi o o kwa godimo le barathone mo teng ga “application” eno, mme ba kgona go laola maitemogelo a bone a go reetsa. Mosola o mongwe ke gore tsamaiso eno e boloka rekoto ya gore ke badirisi ba le kae ba ba dirisang dikanale tse di rileng.

 

"Re dumela gore tsamaiso e ntšha e tokafatsa maitemogelo a go toloka e seng mo baithuting fela mme le mo go ba bangwe mme gape le maitemogelo a batlhatlheledi le batoloki,” Johan o bolela jalo.

 

"Tsamaiso e ntšha eno ke thuso e e mosola ya go fitlhelela mokgele wa rona wa go tlhama yunibesiti e mo go yone botlhe ba tla ikutlwang ba amogelesegile ka dipuo tsa bone le go kgona go dirisa dipuo tsa bone go ruta, go ithuta le go di bua le ba bangwe.”

 

Ka fa rotlhe re solegelwang molemo ka gone

 

Ka didirisiwa tse di ntšha tseno tsa go toloka, ga re kitla re tlhola re nna le bothata jwa go sa utlwe sentle. Fa batlhatlheledi ba tsenya dimaekerofouno tse dinnye tse di gokelelwang mo go bone, di dira gore ba utlwale botoka thata mo diphaposing tsa botlhatlheledi tse di sa fetiseng modumo sentle.

 

Gape didirisiwa tseno ga di time fa motlakase o tima mme di tswelela pele go dira le fa re ka tlelwa ke nako ya go imololwa ga motlakase. Seno se dira gore nako ya go ithuta e se ka ya kgaosediwa.

 

Motoloki e leng Hänschen van As a re didirisiwa tseno ga di na mathata ape a go di dirisa. “Batlhatlheledi ba tobetsa fela dikonopo di le nne gore ba utlwale. Gape di motlhofo go dirisiwa le ke badirisi, bone ba bula di “application” tsa bone fela ba bo ba tlhopha kanale ya puo e ba batlang go e reetsa.