A re bolokeng dipone di tshubile

Fa re leba mathata a go imololwa ga motlakase a re lebaneng le one mo Aforikaborwa, ga go na pelaelo gore dijenereitara tsa maemo a tshoganyetso ke mengwe ya metšhini e e botlhokwa thata e e batlwang ka patla le jase mo nageng ya rona. Ka maswabi, gape go nna le tsone go ja madi.

 

eish! e ne ya kopa Hendrik Esterhuizen, mokaedi wa go ikobelwa ga melao ya boenjenere mo lefapheng la didirisiwa tseno, go re bolelela ka tsamaiso ya YBB ya go tlamela ka motlakase ka nako ya maemo a tshoganyetso le ditshenyegelo tsa teng.

Hendrik Esterhuizen, mokaedi wa go ikobelwa ga melao ya boenjenere kwa Mafapheng, o rotloetsa badiri botlhe go somarela motlakase, segolobogolo fa re dirisa motlakase ka nako ya maemo a tshoganyetso.

Tobetsa diaekhone tse di fa tlase go ithuta go le gontsi ka go fetlhwa ga motlakase wa maemo a tshoganyetso le go imololwa ga motlakase mo khamphaseng nngwe le nngwe.

P: Boikaelelobogolo jwa tsamaiso ya YBB ya go tlamela ka motlakase ka nako ya maemo a tshoganyetso ke bofe?

K: Boikaelelobogolo jwa yone ke go boloka ditiro tsa konokono tsa YBB di tsweletse pele ka nako ya go imololwa ga motlakase kgotsa fa motlakase o timilwe gotlhe mo lefelong la rona.

Ka mafoko a mangwe, boikaelelo jwa rona ke go boloka badiri le baithuti ba tsweletse ka tiro ya bone ya letsatsi le letsatsi le ka dithulaganyo tsa bone tsa go ithuta, re ntse re gopola gore "dilo ga di tsamaye jaaka ka metlha", ka gonne rotlhe re tshwanetse go somarela motlakase fa re dirisa motlakase ka nako ya maemo a tshoganyetso.

P:  Re tsentse leng tsamaiso eno mme e mosola go le go kae jaanong?

K: Tsamaiso ya YBB ya go tlamela ka motlakase ka nako ya maemo a tshoganyetso e ne ya tlhamiwa le go tsenngwa fa gare ga 2008 le 2012.

Mo nakong eno, maatla a motlakase wa maemo a tshoganyetso o o neng wa fetlhwa o ne o lekane mo khamphaseng nngwe le nngwe, mme fa dikhamphase di ntse di gola, le palo ya dikago le ya badirisi ba tsone e ntse e gola, ga go tlhole go tshwana le pele.

P: Re dira eng fa motlakase o tlhokwa ka bontsi go feta wa maemo a tshoganyetso o re nang le one?

K: Mo maemong a a ntseng jalo, re tshwanetse go nna le thulaganyo ya maemo a a kwa godimo ya go imolola motlakase. Seno se raya gore re time motlakase mo mafapheng a mangwe a khamphase kgotsa re tlamele ka motlakase o o lekaneng go boloka mafapha a a botlhokwa thata a tsweletse ka tiro.

Re dira jalo go tlhomamisa gore tiro ya konokono ya yunibesiti e tswelela pele. Ka mafoko a mangwe, mafelo a a jaaka diholo tsa botlhatlheledi, dilaboratori, dikago tsa ditlhatlhobo, mafelo a bojelo le dikago tsa go dira patlisiso ke tsone di etelediwang kwa pele.

P: Go boloka dijenereitara di dira go tura go le go kae?

K: Ditshenyegelo tsa leokwane la disele tsa go tshuba dijenereitara ke mo e ka nnang R40 000 ka ura mo Potchefstroom, R20 000 ka ura kwa Mahikeng le R15 000 ka ura kwa Vanderbijlpark. Seo e feleletsa e le R75 000 ka ura mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo.

P: Re ka dira eng rona jaaka badiri go fokotsa bothata?

K: Nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo ke go dira gore batho ba fokotse bontsi jwa motlakase o ba o dirisang, segolobogolo fa re dirisa motlakase ka nako ya maemo a tshoganyetso. Go botlhokwa gore mongwe le mongwe a gopole gore tsamaiso eno ya go tlamela ka motlakase ka nako ya maemo a tshoganyetso ga e tseye sebaka sa motlakase o Eskom kgotsa o mmasepala a tlamelang ka one. Mongwe le mongwe o tshwanetse go fokotsa motlakase o a o dirisang ka go tima dithuthafatsi le difene le dipone tse di sa tlhokeng go tshubiwa.

P: Tshwaelo ya gago ya bofelo ke efe?

K: E re ka go imololwa ga motlakase e tlile go nna bothata jo re tla tshelang ka jone lobaka lo lo leele, a mongwe le mongwe wa rona a tsenye letsogo go fokotsa tiriso ya motlakase mo YBB, go thusa gore tiro ya rona ya konokono e tswelele pele.

TSEPA

GO