Atshe e ka re kgabagantsha dinako tse di thata

Ke gone ka moo e tla reng fa Kganya Mbotshane wa YBB a dira porojeke ya gagwe ya bofelo ya botaki, a tla bong a tsepile mogopolo mo ditshwantshong tsa basadi le seabe se ba nang le sone mo setšhabeng.

Kganya Mbotshane le e nngwe ya ditshwantsho tsa gagwe mo tatelanong ya “Setso-African Identity”.

Mo dinakong tse di thata tse di tshwanang le ya jaanong, e kgogodi ya Covid-19 e tlhakatlhakantseng botshelo jwa rona, atshe e ka re leretsa kagiso, kutlwano le tsholofelo.

Motaki Kgnaya o itlhalosa go nna motho yo a sa bueng thata mme o dirisa botaki go bua le batho le go bolelela kgang ya gagwe.

"Re tlelwa ke maemo a a farologaneng mo botshelong le mo dikamanong tsa rona le ba bangwe; dinako tse di thata le tse di boima, mme bošeng jaana re tletswe ke mogare wa Corona. Ke batla go bontsha basadi jaaka ntlha e e kgothatsang e e bontshang gore 're tla kgona bothata jono,” go bolela jalo Kganya, yo e leng leloko la lefapha la ditirelo tsa dikhasetomara kwa setlamong sa Batho le Setso.

Tshimologo ya lerato leno la gagwe

Go rata diatshe ga gagwe, segolobogolo botaki, go simolotse fa a ne a simolola go ithutela serutwa sa diatshe tse di kgonang go bonwa kwa sekolong se segolo. "Ke ile ka emisa go ithutela diatshe mme ka tsepa mogopolo wa me mo go ithuteleng dikirii ya go ithuta boikutlo jwa badiri mo tirong le dikamano le badiri mo khamphaseng kwa Potchefstroom ka 2017.”

Mme a swetsa ka go tlhoma mogopolo wa gagwe mo go direng diatshe ka botlalo. Seno se nnile le dipholo tse di di molemo. Ka kgwedi ya Lwetse 2019, pontsho ya tiro ya ga Kganya e ne ya tshwarelwa kwa Klerksdorp le kwa Johannesburg.

"Ga ke lebe atshe jaaka tiro e e tsenyang lotseno lwa madi fela, ke puo e ke buisanang le batho ka yone le go ba lotlegela dikgang. Ke batla gore tiro ya me ya botaki e fetole matshelo a batho le go solegela baagi le setšhaba sotlhe molemo.”

Go lotlega dikgang tse dintsi tsa Aforika

Kganya o rata go taka ditshwantsho tse di bontshang setso le tsela e e tlhomololang Seaforika, mme o tsepa mogopolo thata mo ditsong tse a tlwaelaneng le tsone jaaka Moaforikaborwa. Go netefatsa seno, mo pontshong ya gagwe ya ntlha o ne a tlhopha setlhogo se se reng “Setso-African Identity”.

O solofela go dirisetsa atshe ya gagwe e seng fela go tsosa motlotlo mo gare ga batho, mme gape go ba rotloetsa go ithuta go le gontsi ka ditso tsa ba bangwe, go se lebale kwa ba tswang gone le go sireletsa se ba se ithutileng.

“Re setšhaba sa ditso di le dintsi, mme dingwe tsa tsone di ka tswa di se kile tsa amogelwa ka botlalo mo nakong e e fetileng. Bontsi jwa baša ba rona ba golela mo lefatsheng le mo go lone ba sa rutweng tlholego ya bone, e bile ga ba rotloediwe go amogela bomangmang jwa bone,” o bolela jalo.

Itse kwa o tswang gone

"Gantsi re ganelela thata mo difešeneng tsa bošeng le mo dilong tse di lebegang di le dintle gone jaanong. Seabe sa bogologolo sa Seaforika se se neng sa fetisediwa go tswa kokomaneng e nngwe go ya go e nngwe se botlhokwa thata mo go nna le mo tirong ya me. Sa re: 'Se lebale koo o tswang gone’.

Kganya a re o rata go itlhalosa ka atshe e bile o itlhalosa e le motho yo o ditlhong. Atshe ya me e a mpuelela gore ke motho yo o ntseng jang.”