Maemo a a kwa Godimo e ka nna selo se se thata go se tlhalosa mme go le motlhofo go se tlhaloganya fa motho a se bona ka matlho. Diawate tsa Maemo a a kwa Godimo a Go Ruta (Teaching Excellence Awards [TEA]) di letetswe ka go shwegashwega pelo ka gonne ke tsa go akgola batlhomasekao ba mmatota mo botshelong bao sekao sa bone se rotloetsang ba bangwe.

Yo o ba gaisang botlhe ke Rre Deon van Tonder wa Legoro la Thuto, yo o neng a newa Awate e e Melediwang Mathe ya Diawate tse di Tlhomologileng tsa Maemo a a Kwa Godimo a Go Ruta (Distinguished Teaching Excellence Award [DTEA]) ka nako ya moletlo wa diawate ka di 12 Mopitlwe kwa Potchefstroom.  Mo godimo ga moo, batlhatlheledi ba bangwe ba maemo a a kwa godimo ba le 36 ba ne ba newa diawate tsa ditlhopha tse di farologaneng.

Motlhatlheledi yo o kwa godimo e leng Deon ke mothusa-mokaedi wa Sekolo sa Kgwebo le Dithuto tsa Tikologo mo go tsa Thuto e bile gape ke motlhatlheledi-mogolo, yo patlisiso ya gagwe e tlhomang mogopolo mo go tokafatseng dikgono tsa tiro tsa batlhatlheledi.

O nna le seabe mo tlhabololong ya kharikhulamo ya BEd ya Go Tsweledisetsa Pele Thuto le Katiso, Onase ya Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi mo go tsa Thuto, le ya go ruta le go ithuta ya baithuti ba pele ga kalogo le ba morago ga kalogo. (Leba lebokoso la mokwalo go bona tshedimosetso go ya pele ka filosofi ya gagwe ya go ruta.)

Magoro a a etelelang pele

Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi le Legoro la Disaense tsa Pholo a tlhagisitse bontsi jwa bafenyi ka kakaretso, diawate di le robedi lengwe le lengwe la one, mme a latelwa ke Legoro la Thuto ka diawate di le supa.

Mop Linda du Plessis, mothusa-mogokgo le mothusa motlatsa-mokanseliri wa dithulaganyo le ditiro tsa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa, o ne a akgola bafenyi.

“Fa re lemoga maemo a a kwa godimo a go ruta ga re rotloetse  fela baakatemi go fitlhelela maemo mangwe a a kgethegileng,” o ne a bolela jalo. “Gape go keteka moletlo ono ga rona ke tsela ya go rotloetsa ba bangwe go lemoga gore go tlhokega eng gore go fitlhelelwe maemo a a kwa godimo.”

Mokatisi wa kgwele ya dinao ya Amerika e leng Vince Lombardi o ne a re “Ga go na ope yo o itekanetseng, mme fa re ka gagamalela go itekanela re ka fitlhelela maemo a a kwa godimo.” Seno se ntse jalo segolobogolo fa re leba bafenyi ba TEA, ba ba tlhaloganyang maemo a a kwa godimo sentle. Fano ba na le maloko a magolo a setlhopha sa botsamaisi, le sebui sa moeng kwa moletlong wa diawate, e leng Rieta Ganas (mola o o fa pele, o fa gare). Rieta ke motlhatlheledi gape ke motlhabolodi wa thuto kwa Senthareng ya Yunibesiting ya Wits ya Go Ithuta, Go Ruta le Tlhabololo.

Rotloetsega: tlhatlhelelo ya maemo a a kwa godimo ke eo

Monongwaga, moamogedi wa Awate e e Tlhomologileng ya Maemo a a Kwa Godimo a Go Ruta ke Ngaka Deon van Tonder.

Tobetsa aekhone e e fa tlase go bona gore bafenyi botlhe ke bomang, mme o lebe le ditlhopha tse di farologaneng le gore thulaganyo ya diawate e dira jang.

"Go Ruta ke pitso e e kgethegileng e e rotloetsang baithuti,” o bolela jalo. "Ke tshiamelo e e kgethegileng go etelela motho pele gore a itemogele sengwe se se ntšha le go itlhamela bokgoni jwa gagwe jwa go akanya-akanya le ya bokgoni jwa go tlhama.” – Mop Linda du Plessis

 

Mop Linda du Plessis, mothusa-mogokgo le mothusa motlatsa-mokanseliri wa go rulaganya le wa ditiro tsa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa, o ne a amogela baeng le bafenyi ba diawate kwa moletlong.

Ditshwantsho tseno di bontsha setaele se sentle